Breaking News

Kgosi o rotloetsa morafe go tsenya letsogo mo ditlhabololong

29 May 2018

Kgosi wa Khwai, Rre Merafe Amos o rotloeditse morafe go tsenya letsogo mo ditlhabololong.  

Kgosi Amos a re morafe o tshwanetse go tsena mo dikomiting tsa motse ka go gwetlhega go tlhabolola motse eseng fela go ja.

O supile fa go le gantsi batho ba tsenelela dikomiti tsa motse go emela lemme le le neelwang maloko e seng go tla ka diphetogo mme se a sa se rotloetse ka batho ba felela ba sa ntshe maduo.

O ne a amogela maloko a masha mo lekgotlaneng la motse la Khwai Development Trust.

A re ba tshwanetse go tsena mo komiting ba ikaeletse go tlhabolola le go tsisa maele a masha a go fetola seemo sa motse.

O kopile maloko a masha go nna le botho le go tlotla morafe ka ke one o ba tsentseng mo komiting o ba tshepha.

O supile fa Khwai Development Trust e le lekgotla la morafe, ka jalo ditshwetso tsotlhe tse di tsewang di tshwanetse go nna tse di agang e bile di tlhabolola batho botlhe ba Khwai.

O kopile morafe go nna le maikarabelo a go bona gore maloko a masha a dira tiro ka go ba sala morago.

O ne a kopa morafe go ema maloko otlhe nokeng gore go nne le tswelelopele mo motseng.

E rile a ba ema ka lefoko, mokhanselara wa kgaolo, Rre Kebareeditse Ntsogotlho a supa fa tiro e ntle e e dirwang ke morafe e bonala mme ba tshwanetse go tswelela ka yone gore motse o tlhabologe.

O supile fa go sena motho yo o ka tswang go sele go tla go ba tlhabololela motse mme e le bone fela e le banni ba Khwai ba ka ikemelang ka dinao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oratile Mothibedi

Location : KHWAI

Event : Phuthego

Date : 29 May 2018