Breaking News

Bogole ga bo kgobe Mokgele marapo

29 May 2018

Batswana ba tswa kgakala ba ipelega le fa diemo tsa botshelo di ka thatafala jang.

Motho o a kgopiwa, a tsoge mme a tswelele le loeto lwa botshelo.

Mme Regina Mokgele wa Gabane, ke mongwe wa Batswana ba ba raletseng diemo tse di botlhoko mo botshelong mme a sa ineele.

Mme yo wa dingwaga tse 57, o phakelela fa pele ga kokelwana ya Metsimotlhabe moso le moso go ipatlela phaletshe ka go rekisa.

O boletse mo potsolosong gore o godile a rata kgwebo le go itirela ka diatla.

A re o simolotse a itiretse tshingwana ya merogo mo lapeng, mme morago a tlogela a ya go berekela lekalana la Roma ya Metsimotlhabe le le tlhokomelelang balwetse mo malwapeng.

A re e rile ka 2010 a sa tlhole a bereka, a fiwa madi ke lenaneo la ba-na-le bogole.

“Ke ne ka fiwa P500 mme ka ipulela kgwebo ke rekisa dimonamone,” o tlhalositse jalo

O bolela fa a ne a iteka lesego mo lenaneong la nyeletso lehuma ka 2015 mme a atlega. A re o ne a fiwa P15 000 le semausu a bo a tsenyediwa le tse a di rekisang.

Mme Mokgele a re o itheketse bolao le kobotlo ka madi a a dirileng mo kgwebong, mme a mangwe o a boloka kwa posong.

A re bontlha bongwe jwa madi o a dirisa go tlhokomela bana ba bomonnawe ka jaana a sena ngwana.

O lebogile ba boipelego ka jaana ba mo fa dijo kgwedi le kgwedi gape a fiwa madi a ba-na-le bogole a e leng P300 ka kgwedi.

Sefatlhego sa gagwe se a sesafala fa a bua ka go lwala ga gagwe. O tlhalositse fa a ne a swa mhama ka 1980, mme ga dira gore a palelwe ke go tsamaya mme a fola ka thuso ya bongaka jwa sekgoa.

“Ka 2000 ke bo ke thulwa ke koloi ke tswa Marina mme ka robega fa motwaneng.”

Mme Mokgele o nna mo lapeng la batsadi ka jaana a ne a lwala bolwetse jwa go wa.

Seemo se sengwe se a kopaneng naso ke gore o latlhegetswe ke batsadi a sa le monnye.

Ka jalo, o simolotse go ithuta botshelo go tswa bonnyeng gonne a ne a gana go nna le masika morago ga loso la batsadi.

O lebogile puso go menaganye ka jaana ene le barwarraagwe ba fera bongwe ba thusitswe ke lenaneo la dijo tsa masiela.

Mme Mokgele o tlhalosa fa a tsenye sekole sa go dira ka diatla kwa Tlamelong mo Tlokweng ka 1985 go tsena 1986.

Ke gone kwa a ithutetseng go jwala merogo, go roka le go apaya teng.

Le fa a raletse dikgwetlho tse di kana, Mme Mokgele o itshegetsa ka tumelo.

O boletse fa a sale a tsene Roma ka 1963 mme ga a ise a ke a latlhe kereke ka nako epe.

A re kgwetlho e a lebanyeng nayo ke pula ka jaana semausu se a se filweng ke puso se senyegile, mme fa pula e na, ga a kgone go ya go rekisa.

Mme Mokgele o gakolotse ba-na -le bogole jaaka ene gore ba tlogele go nna ba sa dire sepe ka jaana botshelo bo le thata.

“Fa o re o ya go batla tiro ka setlankana sa non-formal ka dingwaga tsame, o ya go gaisana le banana ba ba tlang ka dithutego tse di kwa godimo,” a tlhalosa.

O gakolotse fa mokgwa wa go ipitsa mohumanegi o sa siama ka jaana o ntsha mo tsholofelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sylviah Disele

Location : METSIMOTLHABE

Event : Potsolotso

Date : 29 May 2018