Breaking News

Nyeletso lehuma e namola Kgarametso

29 May 2018

Monni mongwe wa Makobo mo kgaolong ya Legare, Mme Kgololo Kgarametso, ke mongwe wa Batswana ba ba iphataphatelang.

Mme Kgarametso o mo kgwebong ya go rekisa dijo e a e simolotseng a sena go utlwalela ka lenaneo le puso la nyeletso lehuma ka 2013.

Mo potsolotsong, o tlhalositse fa gareng ga mananeo a a neng a a bewa pele ke ba ofisi ya boipelego, a ne a kgatlhegela la kapei gore a kgone go apaya dijo.

“Tota nna go tsweng bonyaneng jwa me ke godile ke le motho yo o ratang go apaya mo lwapeng le mo medirong,” a supa jalo.

A re kopo ya gagwe e ne ya atlega bofelong jwa 2013 mme ya re ka 2014 ya simolola sentle ka a ne a na le ditsompelo tsotlhe.

O supile gore pele ga a abelwa dithoto tsa kgwebo, ene le ba bangwe ba ne ba romelwa dithutong tsa bogwebi kwa Nata.

Mme Kgarametso o tlhalositse gore ba ne ba tlhatlhelelwa ka tsa go tsamaisa dikgwebo ga mmogo le tiriso le poloko ya madi a kgwebo.

Go a supagala fa Mme Kgarametso, 40, a tsenye mo kgwebong ka lorato.

O apaya dijo mo lwapeng kwa Makobo a bo a di rekisa kwa kgotleng, kwa sekoleng le kwa posong go latela babereki ba e leng bone bareki ba gagwe ba letsatsi le letsatsi. Magwinya le menoto ya dikoko o di rekisetsa mo lwapeng.

O tlhalosa gore kgwebo ya gagwe e gola thata ka nako tse go nang le mediro le diphuthego kwa kgotleng ga mmogo le kwa lobaleng fa go na le metshameko.

Mme yo wa mogwebi a re o motlotlo ka kgwebo ya gagwe ka e le yone e mo thusang go tlamela ba lolwapa la gagwe, a supa gore ga go na letsatsi le ba ka lalang ka tlala.

Mo godimo ga moo, a re o kgonne go ikagela ntlo.

Le fa go ntse jalo, Mme Kgarametso a re kgwetlho e tona mo kgwebong ke gore dinako dingwe ga e dire sentle, bogolo jang fa kgwedi e le fa gare.

A re kgwetlho e nngwe ke gore batho bangwe ba kolota dijo mme ba retelelwe ke go duela.

Mme o supile fa dikgwetlho tse di se kake tsa mo kgoba marapo.

O kopile Batswana go inaakanya le mananeo a puso go ikinola mo lehumeng la nta e tshetlha a bo a kgala ba ba akotseng dithuso mme ba lesitse dikgwebo di phutlhama.

A re go dira jalo ke boitseme mme a gakolola gore fa ba kopana le dikgwetlho, ba tswe ka maano a go itepatepanya le tsone gore ba kgone go tswelela.

O kgothaditse Batswana go ititaya ka thupana le go nna le mowa wa boipelego.

A re puso e dirile tiro ya yone ka go tla ka mananeo mme go saletse Batswana gore ba a dirise ka fa tshwanelong gore a ba solegele molemo.

O rotloeditse ba ba filweng dithuso go bereka ka thata gore dikgwebo tsa bone di atlege, a tlatsa ka go re kgwebo nngwe le nngwe e tlhoka lorato, bonatla, boitshoko le bopelotelele.

Mme Kgarametso a re lenaneo la nyeletso lehuma le mo thusitse go tsena mo kgwebong e a saleng a e eleditse.

“Ga ke itse gore fa e ne e se ka lenaneo le ke ka bo ke le fa kae.”

O boletse gore o eletsa go ipona a na le lefelo le legolo le a tsamaisetsang kgwebo mo go lone e bile a rekisetsa dikompone le meletlo e megolo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Festus Outlule

Location : MAKOBO

Event : Potsolotso

Date : 29 May 2018