Tiriso ya ditagi e atile mo bananeng
28 May 2018
Mogolwane go tswa kwa kokelong ya Princess Marina, Rre Thato Lemme a re ba tshwentswe ke tiriso ya ditagi ke banana.
O buile jaana mo thuto-puisanyong ya batsadi ba bana ba bone ba dirang lokwalo lwa boraro kwa sekoleng se segolwane sa Mmanaana kwa Moshupa bosheng.
Thuto-puisanyo eo, e ne e tshwere ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Batsadi le Barutabana, Kgodiso ya Moithuti yo o Tsepameng Ntleng le Ditagi.
O tlhalositse fa tiro ya gagwe e mo fa sebaka sa go buisana le banana ka matshwenyego a bone, mme a bolela fa bangwe ba mo tlhaloseditse fa ditagi e le tsone tse di ba thusang go lebala ka mathata a ba nang le one.
O boletse fa mangwe a mabaka a a dirang gore baithuti ba dirise ditagi e le tlhoka kutlwisisanyo magareng ga batsadi ba ba sa tlholeng ba le mmogo, batsadi ba ba ikgatholositseng bana, go omanngwa, go kgokgontshiwa, fa bangwe ba re ba amilwe ke go tlhoka go nna teng ga borraabone mo matshelong a bone.
O tlhalosa fa maranyane a Facebook le one a na le seabe mo tirisong ya ditagi ka jaana bangwe ba e dirisa go bapatsa ditagi.
Rre Lemme o ne a tlhalosa fa ditagi di ama dikarolo dingwe tsa mmele, di tshwana le lerapo la mokwatla, boboko, sebete, diphilo le tse dingwe.
A re ba itemogetse fa motokwane e le yone tagi e e dirisiwang thata ke baithuti.
A re fa motho a tswelela a goga ditagi tse ka lobaka lo loleele, o felela a tshwakgoga a palelwa ke go tshela kwa ntle ga tsone.
Rre Lemme a re fa motho a gogile ditagi tse, di felela di mo neela boitumelo jo bo feteletseng.
O ne a kopa batsadi go emisa go neela bana madi a mantsi ka jaana ba a dirisa go reka ditagi, mme a ba rotloetsa go reka dilo tse di tlaa ba thusang mo dithutong.
O ne gape a kopa batsadi gore ba seka ba tlhoboga bana fa ba le mo go tsone, mme ba etele dipatela le dikokelwana ga mmogo le bommaboipelego go kopa dithuso.
Rre Lemme o rotloeditse barutabana go ruta bana ka ditagi, go nna teng mo matshelong a bone, go tsaya boikarabelo le go itse bana ba bone.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa lekgotleng la botsogo la District Health Management Team kwa Moshupa, Rre Amos Kegorogile a re ditagi di koafatsa masole a mmele, di fetola ka fa madi a motho a pompang ka teng le gore gape di baka malwetse.
A re dikai tsa bana ba ba dirisang ditagi di akaretsa go tshabelelwa ke go ja thata, go nna ba lapile, go sa itlhokomeleng sentle, go tlhoka kgatlhego mo dithutong le go nna ba tshegetse ruri gareng ga tse dingwe.
Mogolwane wa sekole sa Mmanaana, Mme Esaleone Kgopana a re ntlha e tona e ba e itemogetseng e e dirang gore maduo a sekole a wele tlase ke batsadi ba ba seyong mo matshelong a bana.
A re dintlha tse dingwe ke batsadi ba ba tlogetseng bana go nna ba le nosi le dikgotlhang tsa batsadi.
Mme Kgopana a re diemo tse di dira gore baithuti ba seka ba tsena sekole sentle fa bangwe ba felela ba se tlogetse gotlhelele.
Ka jalo, o ne a kopa batsadi go tsaya boikarabelo mo go tlhokomeleng bana le go ba isa kwa bongakeng fa ba sa tsoga.
Morutabana wa tsa Maranyane, Mme Mariam Sehunelo a re maikaelelo a letsatsi leo e ne le go tlhaloganya boleng jwa lekgotlana la batsadi le barutabana, botlhokwa jwa batsadi mo dithutong tsa bana, go lemoga mathata a a kgoreletsang tokafatso maduo le go tla ka mananeo a a ka tokafatsang maduo gareng ga tse dingwe.
Mogokgo Sabata Tlhaselo o tlhalositse fa maduo a sekole sa gagwe a sa itumedise
A re o itlamile go tokafatsa maduo a baithuti ba mophato wa boraro ngwaga ono, go tswa kwa go masome mararo le bone mo lekgolong go ya kwa go masome matlhano le bongwe mo lekgolong.
Mothusa mogokgo, Mme Tebogo Mosweu o kgothaditse batsadi go keleka tiro ya bana fa ba tswa sekoleng le go ba ntshetsa madi a a tlhokegang kwa sekoleng gore ba kgone go pasa.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Moatlhodi Katisi o boletse fa ba lemogile gore baithuti bangwe ba tshaba sekole mme a kopa batsadi go dirisanya le bone gore maduo a tokafale.
Mogolwane wa sepodisi sa Moshupa, Mme Sekaba Masala o ne a gakolola batsadi go emisa go rekela bana megala ya lotheka ka gore ba felela ba e dirisa go rera mananeo a bosula.
O ne gape a kgala tiriso botlhatswa ya bana, a re bomme ba lebeletse fela ka gore borre ba ba ratanang le bana ba bone ba tsisa dijo mo lwapeng.
Mme Masala o ne a kopa batsadi go ela tlhoko gape ditiro tse di ntshiwang mo maranyane a internet, tse bana ba felelang ba ya mafatsheng a sele ba ya go dirisiwa mo tlhakanelong dikobo.
Fa ba akgela, batsadi ba ne ba bolela fa mabaka a botshelo a dira gore ba kgarakgatshege ba batle ditiro gore ba kgone go ntsha madi a a batliwang kwa dikoleng.
Mme Malebogo Gaofetoge o boletse fa go fetolwa ga barutabana go na le seabe mo kwelong tlase ya maduo a baithuti.
Mme Selemela Motseothata o ne a kopa batsadi go tlhoafalela tiro ya bana le go bua le bone ka bonolo go na le go ba garumela.
Ba ne ba supa fa ba itumeletse thuto-puisano e, mme ba bolela fa ba eletsa go ka tshwarwa e nngwe mo bogautshwaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoloki Mauco
Location : MOSHUPA
Event : Thuto Puisanyo
Date : 28 May 2018






