Breaking News

Morafe o na le tshwanelo ya go latedisa dikgang

28 May 2018

Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele a re morafe o na le tshwanelo ya go latedisa dikgang fa ba sa kgotsofalele dikarabo tse ba di fiwang ke boeteledipele jwa bone jwa sepolotiki.

Rre Makgalemele o tlhalositse jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Bonwapitse bosheng, a supa gore go dira jalo ke go tsaya boikarabelo le go nna le seabe le gone go tlhaloganya lenaneo la ditlhabololo tsa motse.

Mopalamente Makgalemele yo gape e leng mothusa tona mo lephateng la go fa banana dithata, motshameko le go tsosolosa ngwao o ne a tsibogela mafoko a a duleng ka pego ya modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Bonwapitse, Rre Kebadire Goromente.

Mo pegong ya gagwe, Rre Goromente o ne a ngongorega ka tiego ya kago ya bonno jwa baithuti kwa sekoleng se segolwane kwa Kalamare.

Rre Goromente o ne a supa fa ba sa kgotsofalele dikarabo tse ba di fiwang ke mopalamente a re tse ba di bonang ga di tsamaelane le se a se buang.

O supile gore ba tswa kgakala ba lela ka gore bana ba latela sekole se segolwane kgakala, ka jalo go botlhokwa gore go fefosiwe kago ya bonno jwa baithuti kwa Kalamare.

Ka jalo, Rre Goromente a re o bona go le botoka gore batsadi ba Bonwapitse, Kalamare le Mmutlane ba tsosolose lekoko la metse ka boraro la BOKAMMU gore ba kgone go rongwa go ya go itebaganya le tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Bagalatia Arone gore ba kgone go ikutlwela boammaaruri ka kgang e.

Rre Makgalemele a re ke boamaruri tiego ya ditiro tsa ditlhabololo ke selo se se tshwenyang. 

E rile a itebaganya le kago ya bonno jwa baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Kalamare, Rre Makgalemele a supa gore o dirile jaaka morafe o ne o kopile gore a latedise kgang ya gore tiro e tlaa simolola leng.

A re bosheng jaana o ne buisana le Tona Arone ka mogala, a botsa gore tiro ya dikago tsa bonno jwa baithuti kwa Kalamare e solofetswe go simolola leng.

A re karabo e a e filweng ke gore konteraka e abetsweng go dira tiro eo e solofetswe go kwa motseng wa Kalamare mo sebakeng sa kgwedi tse tharo.

Rre Makgalemele a re o dira bojotlhe go sala morago le go tlhotlhomisa seemo sa ditiro tsotlhe tsa ditlhabololo tse di solofetsweng go dirwa mo kgaolong ya Shoshong a tlatsa ka go re o itse mosola wa tsone mo matshelong a morafe. 

“Mme fa le dumela gore le ka dira maiteko mangwe go latedisa kgang nngwe le le morafe, le gololesegile go dira jalo. 

Ke tlaa dumela gore go tlaa thusa gore le lona le itseele jone boamaruri jo ke bo fiwang.” 

Mopalamente Makgalemele a re go lwantsha kgang ka methale e e farologanyeng go botlhokwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : BONWAPITSE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 28 May 2018