Breaking News

Kereke ya Eloyi e abela kokelo dikobo

28 May 2018

Makgotla a a ikemetseng a tshwana le dikereke a tshwanetse go tsenya letsogo mo go thuseng puso fa e tlhaelelwang ke go ntsha ditirelo teng.

Go buile jalo mookamedi wa kereke ya Eloyi Christian Church, Bishop Sekai Jakoba mo potsolotsong le BOPA morago ga gore kereke ya gagwe e abele kokelo ya Palapye dikobo di le masome a borobabobedi le bone le melora ka Matlhatso.

Bishop Jakoba a re kereke ya Eloyi e tswa kgakala e tshwaragane le puso ka mowa wa bopelotlhomogi a supa fa maikaelelo magolo e le go thusa le go imolola puso morwalo mo go tlameleng setshaba.

A re ba bone go le maleba go abela kokelo eo dikobo tse a tlhalositseng fa di tla thusa balwetsi mo pakeng ya mariga a tlatsa ka gore ba di segofaditse ka thapelo tumelo e le gore di tla tisa pholo mo go ba ba mo diphateng tse di tshesang.

O supile fa ba diragatsa lefoko la Modimo a tlhalosa fa baebele e gatelela gore badumedi ba tshwanetse go nna le lerato le kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe.

A re masego a fetogile go nna motswedi o o sa kgaleng kwa kerekeng ya Eloyi ka go bo ba dumela fa go le lesego letsogo le le abang selo se a kaile fa se ba kgontsha go thusa puso mo go tsa bopelotlhomogi.

Fa a tswa la gagwe mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o ne a supa fa go itumedisa go bo kereke ya Eloyi e kgathala ka matshelo a batho a kaya fa e se mang le mang yo nang le mowa wa bopelotlhomogi.

A re dimpho tsa dikobo le melora ga di reye gore kereke ya Eloyi e na le matshebetshebe a madi a tlhalosa fa ba kgontshitswe ke lerato.

Rre Goya yo gape e leng mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo a re mowa wa bopelotlhomogi o ka thusa puso go tokafatsa itsholelo ya lefatshe leno selo se a kaileng fa se ka kgonega fa mongwe le mongwe a ka kgathala ka matshelo a bo morwarrabo.

A re moroto wa esi ga o ele a supa fa puso e ka se kgone e le nosi mme a gwetlha setshaba se go tsenya letsogo.

A re dikobo tse kereke eo e di abeileng di tsile ka nako e e maleba ka di tla sireletsa balwetsi mo serameng.

Rre Goya o ne a ama bogogi jwa sepatela sa Palapye ka lefoko gore ba tlhokomele dikobo tseo a tlhalosa fa seo se ka kgotlhatsa le go itumetse ba ba abile mme ba tswelele ka mowa wa go aba.

Moemedi wa sepatela sa Palapye, Doctor Calisters Gobotswang o ne a leboga lerato la kereke ya Eloyi a kaya fa balwetsi ba tla nna ka go itse fa ba sa lebalesega mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : PALAPYE

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 28 May 2018