Breaking News

Ba Stock Exchange ba isa thuto kwa Kgalagadi

28 May 2018

Bodiredi jwa puso le banni ba Kgalagadi borwa ba rotloeditswe go tsaya karolo mo mmarakeng wa Botswana Stock Exchange (BSE) go beeletsa diabe tsa theko le thekiso mo dikomponeng tse di farologanyeng ka seo se ka thusa thata go tokofatsa matshelo a bone.

Mafoko a, a builwe ke mookamedi wa BSE, Rre Thapelo Tsheole jaaka ba ne ba etetse setshaba go ba tlhalosetsa ka ditirelo, tiriso le bomosola jwa tsa mmaraka wa diabe mo matshelong a bone. 

Rre Tsheole o ne a tswelela ka go tlhalosa fa BSE e itebagantse le go kwadisa dikompone morago ga tshekatsheko tse di nang le boleng jwa go rekisetsa Batswana diabe.

O ne a bolelela batsena dithuto tseo fa go dira sentle le kgolo ya diabe go laolwa ke ka fa kompone e dirang ka teng tsatsi le tsatsi mme se se borai ke gore moreki a ka felela a iphotlhere fa kompone e ka phutlhama.

E re ka jaana kgaolo ya kgalagadi e le boremelelo jwa thuo ya kgomo le dihutshane, Rre Tsheole o kgothaditse banni ba kgaolo eo go ya go beeletsa kwa makalaneng a BSE a akaretsa Imara Capital Securities, Motswedi Securities, Stock Brokers Botswana le African Alliance Securities Botswana.

O kaile fa mo ditsheka tshekong tsa bone, banni ba kgaolo ya kgalagadi ba santse ba saletse kwa morago thata mo tshekong ya diabe mme a ba gwetlha go ema ka dinao go itrela bokamoso jwa bone le bana ba bone.

Rre Tsheole o ne a gakolola banni go fokotsa leruo lwa bone ka go ya go le rekisa kwa matlhabelong ka go ka ba tswela mosola mo thekong ya diabe a kaya fa “motlhala wa khumo o le montsi mme o tlhoka fela balatedi.”

Fa amogela baeng kgosi Piet Kaartze o ne a leboga ba BSE ka go tlisetsa setshaba dithuto tse di maleba tsa theko ya diabe.

Kgosi Kaartze are jaaka dithuto di tlisitswe mo banning go mo maruding a bone go seka seka le go tsaya kgato mo go itireleng khumo are ba ka tsaa malebela le go kopa mo dikomponeng tse di tona gareng ga tse dingwe e leng Choppies, Cresta, Sefalana Holding Company Limited, BTCL le tse dingwe.

O kaile fa di simolotse ka go ikgolaganya le mmaraka wa BSE ka go beeletsa mo dikomponeng tse di farologanyeng mme mo nakong ya gompieno di godile le go atlega mo go gakgamatsang mo lefatseheng leno le aa kwa ntle. 

A re dithuto tseo di le mosola ka di fa bagwebi sebaka sa go ithuta, go tlhaloganya le go tswa ka methale le maele aa ka tlhabololang dikgwebo tsa bone ka thotloetso ya mmaraka wa BSE.

Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi Rre Justice Nkwane o ne a akgola mookamedi wa BSE le lekoko la gagwe go tlisetsa batswana dithuto, kitso le tiriso ya diabe mo kgaolong ya kgalagadi ka di sa kgetholole ope. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthego

Date : 28 May 2018