Breaking News

Amogelang tshwetso - Venson-Moitoi

28 May 2018

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Dr Pelonomi Venson-Moitoi o kopile banni ba Mokgware go amogela leina le le tlaa tlhophiwang mo maineng a le mane a ba a rometseng go sekasekwa gore mongwe a tlhophiwe go nna kgosi wa motse wa bone.

Dr Venson-Moitoi a re jaaka fa morafe o isitse maina a le mane, go seka ga nna yo o tlaa ngongoregang a batla gore leina la yo a neng a mmatla e nne lone le le kabong le tlhophilwe.

Dr Venson-Moitoi o ne a tsibogela mafoko a ga Kgosi Shethani Mmereki yo o neng a mo lekodisa fa banni ba ne ba seka ba kgona go isa leina la kgosi le le lengwe fela mme ba felela ba isitse a le mane.

O ne a bolela fa leina leo le le kwa go motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane mme ba emetse phetolo e e tlaa supang gore go tserwe leina la ga mang mo boneng joo.

Dr Venson-Moitoi o ne a bolela fa banni ba motse oo ba mo tsenya mo pitlaganong ka go papametse gore fa maina a ile a le mane go tsile go tsewa tshwetso ya gore go tlhophiwe gone mo boneng joo.

 A re dikgang tsa bogosi di teng kwa metseng e mengwe mo lefatsheng leno mme di kgona go dia ditlhabololo ka nako e ntsi go bitswa diphuthego tsa kgotla go buiwa ka tsone dikgang tse fela.

A re banni ba Mokgware ba ka bo ba ne ba seka ba dira dikgogakgogano mme ba tlhopha leina le le lengwe fela gore ba seka ba imetsa kgang ya bone a supa fa dikgang tsa bogosi di le thata e bile di batla beng ba tsone.

Dr Venson-Moitoi a re o tlaa emela Kgosi Kgamane gore a e sekaseke ka fa a ka e sekasekang ka teng.

Le fa go ntse jalo, banni bangwe ba ne ba supa fa kgang ya go ntsha maina a le mane ba ne ba sa e dumalana.

 Rre Rebaone Otsile le Mme Lekadiba Gareanne ba ne ba bolela fa ba santse ba na le lesokolela ka maina a a isitsweng.

Ba re ga ba dumalane le gore ba tlhophelwe leina mo maineng ao mme ba letlelelwe go tshwara ditlhopho go itlhophela kgosi yo ba mo ratileng.

Ba ne ba kopa gore maina a a isitsweng kwa Serowe go ya go sekasekwa a busediswe kwa motseng wa bone mme ba fiwe nako go itlhophela yo ba mo ratileng.

Mo go tse dingwe, Dr Venson-Moitoi o ne a kopa banni go baakanya bo Omang ba bone gore ba kgone go ikwadisetsa ditlhopho ba tle ba kgone go tlhopha ngwageng o o tlang.

O boletse fa ikwadiso ditlhopho e e tlang, e tlaa tsaya dikgwedi di le tharo.

A re banni ba tshwanetse ba ikwadisetse ditlhopho mo nakong e e beilweng ka ga gona go nna le ikwadisetso ditlhopho ya poeletso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MOKGWARE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 28 May 2018