Breaking News

Mudongo o itumelela ditlhabololo

28 May 2018

Kgosi wa Nlapkhwane mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Kgosi Mukani Mudongo a re o itumelela madi a tlhabololo dikgaolwana ka a ba thusitse go aga motlobo wa dibuka.

O tlhalositse fa ba ne ba tshelela mo tshokolong, pele ga kago eo, e e lopileng P476 000. 

A re madi ao, a tlodisa metse selegae melatswana go dira dingwe ditoro tsa bone, segolo jang mo go tsa ditlhabololo.

Kgosi Mudongo a re ga ba a bolo go sotlega segolo jang fa go tla mo go atoloseng dithuto tsa bana ba bone. 

A re jaanong difatlhego tsa bone di tletse monyenyo ka dikago tsa bone tsa motlobo wa dibuka di le gaufi le go fela. 

O supile fa thuto e le yone konokono mo botshelong jwa motho, a tlatsa ka go re o solofetse go bona phetogo mo dithutong ga mmogo le maduo a bana mo sekoleng.

A re dikago tse gape di tlhamile mebereko mo motseng le ntswa e le ya nakwana. 

O tlhalositse fa gape go na le ba ba tshepisitseng dibuka, ka jalo dithuto tsa bana di tlaa gola.

O ne a kopela motlobo wa bone didirisiwa di tshwana le dibalamakgolo, dibuka le tse dingwe tse di ka thusang go tokafatsa dithuto le dikitso tsa bana mmogo le bagolo mo motseng.

Kgosi Mudongo o ne a akgola kakanyo e ntle ya puso ya madi a tlhabololo ka e thusa go lere ditlhabololo, segolo jang mo metseng e e kgakala le ditlamelo.

Mo go tse dingwe, Kgosi o tlhalositse fa ba tshwenngwa ke leruo le le gasameng le motse wa gagwe ka le tlhorontsha balemi. 

Kgosi Mudongo o supile fa go sena ope yo o tsayang boikarabelo ka leruo leo, a tlatsa ka go re beng ba lone ba tsene ka lenga la seloko ka ba tshaba go lebisiwa molato wa tshenyo.

A re motse wa gagabo o ne o itsewe ka thobo e namagadi ngwaga le ngwaga, a supa fa ba ne ba atle ba tshware moletlo wa thobo mme a tlatsa ka gore monongwaga bontsi jwa balemi ba iphotlhere ke dilelo fela ntateng ya leruo le le inaakantseng le temo.

A re se se baka dikgotlhang mo motseng ka a sa itse gore o ka rarabolola dikgang tsa mofuta o jang ka bontsi jwa leruo bo sena beng.

“Balemi ba motse wa Nlapkhwane, ke balemi ba ba tlhaga e bile ba tsaya temo ka tlhoafalo ka jalo se se ba kgoba marapo ka ba lemela lefela ka ntlha ya leruo le le ba thorontshang.”

Kgosi Mudongo o ne gape a supa fa bontsi jwa leruo leo, segolo jang ditonki di sena ditshipi go kaya gore ke tsa ga mang, ka jalo go le thata gore ba ka lebisisa mang molato wa tshenyo mo masimo.

“Bontsi jwa balemi ba santse ba dirisa ditonki go lema, mme fa ba fetsa ba a di itatola, gape ga ba di tlhokomele, ka jalo di tlala le naga go batla mafulo a matalana,” ga bua kgosi. Kgosi o ne gape a supa fa ba tshwenngwa ke batswakwa ba ba tsenang mo lefatsheng le ntle le diteseletso.

A re le fa go ntse jalo, banni ba Nlapkhwane, Mapoka le Zwenshambe ba ititeile ka thupana go fedisa borukutlhi mo metseng e. 

O supile fa ba ikgobokantse go dira mokgatlho wa twantsho borukutlhi, mme e bile ba tlaa dira jalo ba sa boele morago ka e bile ba bapile le terata ya molelwane oo kgaoganyang Botswana le Zimbabwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : NLAPKHWANE

Event : Potsolotso

Date : 28 May 2018