Borre ba maoto a tshupa
28 May 2018
Mogolwane wa District Health Management Team mo Kanye, Dr Dick Mpitika o tlhalositse fa borre ba le maoto a tshupa go dira loaro lo lo babalesegileng.
A re ntswa ba gasa molaetsa letsatsi le letsatsi, borre ga ba supe kgatlhego ya go emela botsogo jwa bone ka dinao.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, o tlhalositse fa dipatlisiso tsa bone di supa fa bontsi jwa borre ba itse thata ka mosola wa go dira loaro lo lo babalesegileng, mme ba palelwa ke go tsaya tshwetsho ya go lo dira.
Dr Mpitika o boletsa fa bana ba sekolo e le bone ba ba dirang loaro ka dipala tse di kwa godimo.
A re bana ba ba dingwaga tse di lesome go ya kwa go tse di lesome le boferabobedi ke bone ba go supagalang ba dira loaro ka dipalo tse di nametsang.
O buile fa go dira loaro go le mosola mo botsogong jwa rre ka jaana go fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare wa HIV/AIDS le kankere ya bonna.
O tlhalositse fa go le mosola go dira loaro nako e sale teng, go thibela go tsenwa ke kankere ya bonna ka gore fa e go tsene bonna bo a kgaolwa, mme rre a tsenngwe lethompho le le tlaa mo thusang go tlhapologa fela.
A re fa o tsentswe lethompho leo, toro ya go nna le bana e a nyelela.
O buile fa go dira loaro gape lo thusa rre gore bonna jwa gagwe bo nne bo le phepa nako tsotlhe, e bile go kganela kgonagalo ya go tshabelelwa ke malwetse a motlhapo le a dikobo.
Dr Mpitika o buile fa loaro lo lo babalesegileng lo fokotsa kgonagalo ya gore rre o ka fetisetsa mogare wa Human PapillomaVirus (HPV) kwa mokapelong, a tlhalosa fa mogare oo o baka kankere ya molomo wa popelo.
O boletse fa ngwaga le ngwaga ba bolotsa letsholo ba tsamaya metse le metsana go ruta setshaba ka loaro lwa borre lo lo babalesegileng.
Dr Mpitika o gwetlhile bomme go rotloetsa borre ba bone go dira loaro lo lo babalesegileng nako e sale teng gore ba seka ba thanya lo le tsebeng.
O kopile setshaba go itse fa loaro lo lo sa dirwe ke mooki mongwe le mongwe mme lo dirwa ke baoki ba ba rutetsweng go dira jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 28 May 2018






