Motlogelwa ke sekao mo go borre
27 May 2018
Rre Obakeng Motlogelwa wa Selebi Phikwe, o tlhalositse fa a batla go nna sekao ka go supa bokgoni jwa borre mo go rokeng diaparo.
Rre Motlogelwa o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya go sega diaparo a sena go wetsa dithuto tsa gagwe kwa Human Child Aid.
A re kgwebo ya gagwe e tsweletse ka go dira sentle, e bile o kgona go oba letsogo.
Rre Motlogelwa o tlhalositse se mo puisanong le BOPA.
A re lorato lwa gagwe lwa go roka diaparo lo simologile fa a sale mmotlana.
O tlhalositse fa go sega diaparo e ne e le tiro e go neng go dumelwa e le ya bomme fela, e bile fa rre a ka bonwa a e dira o ne a nyadiwa kgotsa a tsewe e le motho yo o seng mashetla.
O boletse fa go simolodisiwa ga melao ya tekatekanyo ya bong mo lefatsheng leno, go dirile gore bomme le borre ba simolole go supa bokgoni jwa bone mo ditirong dingwe tse go neng go dumelwa di ka kgona go dirwa ke bong jo bo rileng fela.
A re mo nakong ya gompieno, bomme le bone ba supile fa ba le tlhaga mo ditirong tse go neng go dumelwa fa di le bokete e bile ba ka seke ba kgone go di dira, jaaka go nna lesole.
O boletse fa mo nakong ya gompieno borre lefatshe ka bophara ba gatetse pele mo go segeng diaparo, mo batho bangwe ba setseng ba ikanya baroki ba borre ka ba dumela fa tiro ya bone e le ntle.
O boletse fa a tlaa tswelela ka go diragatsa ditoro tsa gagwe tsa boroki go fitlhelela a nna mongwe wa baroki ba ba tumileng mo lefatsheng ka bophara.
Rre Motlogelwa o kgothaditse borre go simolola go dira ditiro tse go neng go tlwaelesegilwe di dirwa ke bomme fela ka ba supile fa ba na le bokgoni mo go tsone e bile ba ka di dira go itshetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Potsolotso
Date : 27 May 2018






