Breaking News

Lekalana le tshwenngwa ke kgolo ya dikotsi

27 May 2018

Mogolwane wa Motor Vehicle Accidents (MVA) Fund, Rre Michael Tlhangwane a re kgolo ya dikotsi tsa tsela e gwetlha gore go itebaganngwe le manokonoko a a bakwang ke dikotsi tsa tsela mo matshelong a batho gammogo le itsholelo.

Go supilwe fa ka ngwaga, batho ba le 168 ba letlhegelwa ke matshelo, mme go tsweng kwa ngwageng wa 2015 go ya kwa go wa 2017 go supafala fa go ntse le dintsho di le masome mararo le boferabongwe mo lekgolong mabapi le dikotsi tsa tsela.

Rre Tlhangwane a re letlole la MVA le thusa ka dituelo tsa bongaka le kalafi, dituelo tsa tatlhegelo le letseno la itsholelo, dituelo tsa ditshenyegelo tsa phitlho le tatlhegelo ya tlhokomelo.

Osupile fa lekalana la gagwe le itemogela ditlamorago tse di ngomolang pelo jaaka tsa botsogo le boitekanelo jwa batho, go latlhegelwa ke bokgoni jwa go itshetsa. 

O tlhalosa fa go dirisiwa madi a mantsi mo bongakeng, ka lefatshe leno le santse le ikaegile thata ka bongaka jwa mafatshe a sele.

Rre Tlhangwane a re kgolo ya dikotsi tsa tsela e ama mongwe le mongwe ka ditsela tse di farologanyeng jaaka mananeo a puso a ditlhabololo itsholelo, maduo kwa ditirong, go latlhegelwe ke baitseanape le tsone kgwebo tota. 

Ka jalo a re mongwe le mongwe o tshwanetse go tsenya letsogo mo go lwantsheng dikotsi tsa tsela. 

O ne a ikuela mo go boradikgwebo ba ba rutelang go kgweetsa go tsenya letsogo mo go rotloetseng ipabalelo tseleng le thibelo dikotsi tsa tsela.

Fa a latlhela la gagwe, mothusa mokwaledi mo lephateng la dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Garekwe Mojaphoko o ne a supa fa Sweden, e le lefatshe le le nang le itemogelo ya botlhokwa mo ipabalelo tseleng ka e le bone ba ntlha go tsenya mabante mo dikoloing lefatshe ka bophara. 

Rre Mojaphoko a re tiro ya lephata la gagwe ke go aga ditsela, mme a supa fa mo nakong eno, madi a kago ya ditsela a menagane gararo, go tswa ka 1990. 

A re madi a a dirisiwang ke ba MVA go duelela dikotsi tsa tsela a mantsi a ka tlhabolola ditsela.

O ne a tlhalosa fa ba tshwaraganetse kgetsi ya tsie le ba mafatshe a SADC. 

A re lefatshe leno le fa gare mme bontsi jwa dithoto bo feta ka lone, ka jalo go agwa ga borogo kwa Kazungula go kgabaganya noka ya Zambezi go ya go oketsa mosuke wa dikoloi tse di rwalang dithoto mo ditseleng tse ditona tsa lefatshe leno. 

A re ba mo thulaganyong ya gore makgotla otlhe a a amegang mo tirisong ya melao ya tsela a kopane mo bogaufing, go tswa ka tharabololo ya se se ka dirwang go baakanya melao ya tsela gore e tsamaelane.

A re ba simolotse gape go batla mafelo a boitapoloso a bakgweetsi ba megobagoba, a tlatsa ka go re a tlaa neelwa ba ba ikemetseng go a tsamaisa.

Kgosi wa Serorome, Rre Samuel Maforaga o supile fa a tshwenngwa ke batho ba ba kgweetsang ka lobelo lo lo feteletseng fa gare ga motse wa Palapye, le dikoloi tse di tsentsweng dihutara tse di dirang modumo o montsi thata. 

A re modumo oo o kgona go phadimosa bakgweetsi ba bangwe mo tseleng gammogo le batsamaya ka dinao.

Fa a afa malebo, mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Gabagopole Sebele a re lefatshe leno le tlhasetswe ke bodimo ba le babedi, dikotsi tsa dikoloi le HIV/AIDS.

A re bodimo bao ba digile itsholelo ya lefatshe leno ka tsela e e hutsafatsang.

O ne a rotloetsa bakgweetsi go tsaya boikarabelo a re fa ba ikutlwa ba lapile ba ikhutse, gape mongwe le mongwe a nne lepodisi la mokgweetsi yo mongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Ipabalelo Tseleng

Date : 27 May 2018