Breaking News

Saleshando o rotloetsa mokgatlho

27 May 2018

Mopalamente wa pele, Rre Dumelang Saleshando o kgothaditse mokgatlho wa Botswana Guides Association (BOGA) go tshwara ka thata.

Rre Saleshando o buile jaana kwa bokopanong jwa BOGA jwa ngwaga le ngwaga kwa Maun bosheng.

O ne a lemoga maiteko a a dirilweng ke BOGA go fa badiri ba bojanala dithata.

Rre Saleshando o supile fa bojanala bo na le meamuso e mentsi, mme Batswana ka bontsi ba sa lemoge se e bile bontsi bo le mo ditirong tse di sa dueleng thata tsa bojanala.

A re go botlhokwa gore Batswana ba tlhaloganye bojanala le gore bo ba solegela molemo go le kae, a re go botlhokwa go ngoka dipalo tse dintsi tsa Batswana mo dikgwebong le ditiro tsa bojanala tse di busetsang.

Rre Saleshando a re go botlhokwa go fetola melawana e e laolang bojanala go e tsisa mo dinakong tsa segompieno.

A re go na le matshwenyo a diphologolo tse di tlhorontshang batho, selo se a reng se supa fa palo ya tsone e oketsega mme go tlhoka ditshekatsheko mabapi le letsomo le le laolwang le a reng gongwe le ka thusa go laola motsamao, bogolo jang wa ditlou.

Modulasetilo wa BOGA, Rre Kenson Kgaga o supile fa BOGA e nnile le maduo mo go thuseng bakaedi, bogolo jang go fiwa ditetla tsa sennela ruri.

A re go na le melawana ya ditetla dingwe tse di bayang bakaedi ka fa mosing, ka e sa ba letle go tsena mo mafelong mangwe a a ratwang ke bajanala.

Rre Kgaga a re seo ga se ba itumedise e le mokgatlho ka maloko a bone a duelela go ntshafatsa ditetla tseo ngwaga le ngwaga mme di sa ba tswele mosola ka fa ba solofetseng ka teng.

O ne a supa fa moono mogolo wa BOGA e le go rotloetsa Batswana go tsena mo dikgwebong tsa bojanala mme a re Batswana bangwe ba na le dikgwebo tsa di camp sites.

Rre Kgaga a re ba tlhoka kemo nokeng ya puso ka ba na le banana ba dikgwebo tsa bojanala tse di thusitsweng ka mananeo a puso, a re BOGA ga e amane le sepolotiki jaaka bangwe ba akanya. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Bokopano

Date : 27 May 2018