Breaking News

Banni ba kopilwe megopolo

27 May 2018

Tautona o tlaa bolotsa letsholo la matona go tsamaya le lefatshe lotlhe go sekaseka le setshaba molao wa dinako tse di letleletsweng tsa marekisetso a bojalwa. 

Se se builwe ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Dr Pelonomi Venson-Moitoi.

“Thulaganyo e, e dirwa jaana Tautona a sena go itemogela fa morafe o ngongorega ka melao e e gagametseng ya bojalwa.”

Dr Venson-Moitoi, yo e leng mopalamente wa Serowe Bokone, o ne a buisa banni ba kgotla ya Sesoma gone mo Serowe, bosheng. 

A re maikaelelo a letsholo leo ke go tsaya maikutlo a setshaba ka kakaretso gore go tle go bonwe tharabololo.

Dr Venson-Moitoi o tlhalosiste fa melao e ne ya gagamadiwa ka ntlha ya dikotsi tse di neng di le dintsi tsa dikoloi le tatlhegelo e ntsi ya matshelo a batho tse di neng di bakwa ke tiriso botlhatswa ya bojalwa, bogolo jang ke banana. 

A re le fa puso e tlaa sekaseka melao ya bojalwa, batho ba tshwanetse go itse fa bojalwa e le mmaba mo matshelong a batho e bile go bo nwa phetelela go na le ditlamorago tse di sa siamang. 

O kopile banni go tswelela ba akanya gore go ka dirwa jang ka kgang ya dinako tsa marekisetso a bojalwa.

Fa a tlhalosa ka ditshutiso tsa melao tse di fetileng kwa Palamenteng bosheng, Dr Venson-Moitoi a re jaanong barui ba tlaa patelesega go itsese puso fa ba na le matimela mo masakeng a bone. 

Go ya ka molao o mosha, barui ga ba a tshwanela go letlelela matimela go nna mo masakeng a bone go feta kgwedi.

O supile fa matimela a tlaa rekisiwa morago ga dikgwedi tse tharo a le mo masakeng a khansele. 

Tona o rile khansele jaanong e letlelelwa go tshwaya matimela ka tshipi ya yone mo malatsing a matlhano seruiwa se tlhatlhetswe kwa khanseleng.

Dr Venson-Moitoi a re molao gape o fa khansele dithata tsa go bolaya seruiwa fa se na le bolwetse kana se le borai mo bathong kgotsa mo diphologolong tse dingwe. 

E rile a akgela, mongwe wa banni Rre Lebonetse Molefhi a ngongorega gore Palamente e tsaya ditswetso ka bonako. 

O nopotse yone kgang ya matimela a re e tseelwa ditswetso ka bonako ntswa go na le dingongorego tse dintsi mabapi le tsamaiso ya khansele.

“Go ka bo go rerisantswe le barui ba dikgomo pele ga go tsewa ditshwetso." BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 27 May 2018