Breaking News

Batlholagadi ba a ikuela

27 May 2018

Batlholagadi ba tshwentswe ke go kgaphelwa ntle mo ditirong tsa Setswana, bogolo thata mo mererong ya lenyalo. 

Mme Vivian Masibe o buile jalo mo phuthegong ya bomme bosheng mo kgotleng kwa Kanye gore go le gantsi fa rre a sena go hulara, mme o tsena mo kalafing ya lobaka lwa ngwaga.

A re fa mme a sena go apola o bolelelwa gore o siame o ka dira tiro nngwe le nngwe, selo se a reng ga se diragale fa go tla mo mererong ya lenyalo.

Mme Masibe o boletse fa go atile malatsi ano go rontsha motlholagadi tshwanelo ya gagwe ya go laya mo lenyalong hela ka ntata ya gore o tlhokafaletswe ke monna.

Fa a tswa la gagwe, Mme Morwadi Ditlhotlhole o tlhalositse fa go le botlhokwa gore setshaba se lemoge fa go tlhokafalelwa ke molekane ga mme e se tlhalo, ka jalo mme wa go nna jalo a na le tshwanelo yotlhe ya go dira ditiro tsotlhe tsa thulaganyo ya lenyalo tse di akaretsang le go laya.

Mme Ditlhotlhole a re fa mme yo o tlhokafaletsweng ke rre ba le mo thulaganyong ya lenyalo boora mosimane ba tshwanetse go sala ba tsweledisa thulaganyo ya tseo. 

A re bomme ba Bangwaketse go botlhokwa gore ba ipatlisise go somarela ngwao.

Fa a tswa la gagwe, Mme Ofentse Matlale o ne a kopa gore molao mongwe le mongwe o kwalwe ka o dirisiwa go goga batho. 

O ne a supa matshwenyego ka bomme ba ba tlang manyalong ba sa apara sentle, selo se a reng se kgatlhanong le tsamaiso ya Setswana ya manyalo. Mme Matlale o kopile batsadi go bua le bana kwa malwapeng le go ba ruta gore go aparwa jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : Phuthego ya Bomme

Date : 27 May 2018