Breaking News

Boitshwaro jwa banana ga bo jese kgosi diwelang

27 May 2018

Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng a re o tshwenngwa ke boitsholo jo bo maswe jwa banana bangwe ba motse oo. 

Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Puleng o ne a fa sekai a re go ne ga nna le dikgang tse di bosula bosheng tse di akaretsang go kgothosa, go thujwa ga matlo le marekisetso ga mmogo le go dirisa matlhapa mo dipuisanyong, mme a kaya fa dikgang tse di dirilwe ke banana.

O kgadile a sa kgwe mathe banana ba a reng ba kgokgontsha batsadi ka dipuo tse di botlha le go ba amoga ditsabone, selo se a kaileng e le matlhabisa ditlhong. 

A re le fa lefatshe le go tshelelwang mo go lone e le la diphetogo, batsadi le bagolo ka kakaretso ba tshwanetse go ela tlhoko ditsela tse ba godisang bana ka tsone, a supa fa e le tsone tse di ba ntshang mo tseleng ya tshiamo. 

Kgosi Puleng a re batsadi ba tshwanetse go lemoga gore bana ba segompieno ba tshelela mo lefatsheng le sengwe le sengwe se ikaegileng ka madi, mme seemo se, se dira gore ba dire sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go nna le madi le mororo ditsela dingwe e se tse di siameng.

A re bana ba malatsi a ba tlhalefetse tsa maranyane mme ba kgona go a dirisa go tsietsa bagolo ba ba sa a tlhaloganyeng.

Kgosi Puleng o boletse fa go le botlhokwa go godisetsa bana mo molaong, segolo bogolo wa Setswana.

A re fa ngwana a palela batsadi kwa lwapeng, ba ka ikuela mo go bomalomaagwe mme kgabagare ba ikuele mo lekgotleng la Setswana.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Puleng o supile fa ditsamaiso tse dingwe tse di akaretsang ba boipelego, mapodisi le baeteledipele ba morafe di le teng go ka lwantsha botlhoka tsebe jwa bana. 

Kgosi Puleng o ne a digela ka go ikuela mo bananeng ba motse go inaakanya le dikomiti tsa ditlhabololo le go tsenya letsogo mo kgodisong ya bana ba ba tswang kwa tlase gore tshaba e e tlang e nne e e nang le boikarabelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 27 May 2018