Breaking News

Lenaneo le lebanwe ke kgwetlho

27 May 2018

Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi a re o tshwentswe ke kgogakgogano ya ba ba tsayang karolo mo lenaneong la Ipelegeng.

O buile jalo mo bokopanong jo bo neng bo tseneletswe ke batsamaisi ba lenaneo ga mmogo le banni ba motse bosheng.

Mokhanselara Mokgethi a re matshwenyego a a tlhagogang ka lenaneo la Ipelegeng a a ba tlhorontsha e le bogogi, ka batho ba ba thapilweng ba sa tsee tiro ka tlhoafalo.

A re ba ba dirang mo namola leuba, ba dira phoso e tona ka ba baya tsotlhe mo pusong le mo bogoging. 

A re go makgetho a le mantsi boeteledipele jwa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ba itela mo bogoging mabapi le tlhakatlhakano le go tsewa motlhofo ga lenaneo la Ipelegeng.

Go sale foo, Mme Pelonomi Masikara, motshwara madi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, o ne a re Ipelegeng ke lenaneo le le thusang Batswana go itlhotlhora lehuma le go ipelega, ba itirela ba dirisa dikakanyo, diatla tsa bone le popagano. 

Mme Masikara a re mme jaanong batho ba dirile Ipelegeng moepo wa madi mme go sena maduo. 

A re o buisiwa seo ke gore batho ba kopa tiro, mme morago ba seke ba iponatse fa ba direlang teng. 

A re jaaka Tutume a sa tswa go nna le lesego la go thusiwa ka lenaneo la Economic Stimulus Programme, ditlhabololo di dintsi mo motseng, mme seo se raya gore jaanong go tlhokega gore go dirwe ka natla go kgabisa motse, gore e re ditlhabololo di ya go wela motse o bo o kgatlha.

Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Otsile Ketshotseng o ne a re letsema le thata ka mong wa lone. 

A re banni ba nne le keletso ya go thusa mo motseng.

Kgosi a re o kopa gape gore botsadi bo tlhokomele bana, a re jaaka go baakanngwa jaana go na le fa go epilweng teng, mme o gakolola thata gore bana ba bewe leitlho gore ba seka ba ya go gobala kgotsa ba kopana le botlhole bope jwa metswako e e dirisiwang.

O tlhalosa gore fa go nnang le kgogakgogano teng, go tshwanela gore go nne le motsereganyi go tswa mo bogoging. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Setshege Muzila

Location : TUTUME

Event : Bokopano

Date : 27 May 2018