Sekole sa ithutelo ditiro se tlaa oketsa dithuto
24 May 2018
Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Frans van der Westhuizen o boleletse morafe wa kgaolo ya gagwe gore sekole sa ithutelo ditiro se se mo Tsabong se tlaa oketsa dithuto.
O buile mafoko a mo diphuthegong tsa gagwe le banni mo metseng ya kgaolo eo tse a di simolotseng ka Mosupologo.
Mopalamente a re e rile morago ga gore banni ba ngongorege ka dithuto tsa sekole seo gore ga di a lekana, bogogi jwa thuto jwa lefatshe leno jwa bona go le maleba gore ba di oketse.
O supile fa e tlaa re mo bogaufing go bo go rutwa dithuto tsa ithutelo ditiro tse di ntseng di seyo koo.
A re seo se tlaa netefatsa gore fa baithuti ba fetsa sekole ba tlaa nna le sebaka sa go itshwarela ka diatla.
Morafe o atlile mogopolo oo ba supa fa tshwetso eo e tlaa ba thusa thata go ya kwa pele ka jaana ba tlaa nna le sebaka sa go ithuta ditiro di tshwana le go aga le go baakanya dikoloi.
Mo go tse dingwe tse di amang morafe, Rre Van der Westhuizen o boleletse morafe gore seemo sa kokelo ya bone jaanong se botoka fa se tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng.
A re e re ka jaana go tsene Tautona yo mosha, go maleba gore ba mo fe thotloetso le gone go bereka le ene sentle.
A re maikaelelo ke go tsweledisa puso ya batho ka batho ya morero gore Tautona Mokgweetsi Masisi a kgone go isa lefatshe leno kwa pele.
Mopalamente o ne gape a bolelela banni gore lephata la temo-thuo le itse ka dingongora tsa dituelo tse di diegang tsa ba theko ya dikgomo ba matlhabelo a dikgomo mme a supa fa e tlaa re mo bogaufing seemo seo se tokafale.
O supile fa le ditlhwatlhwa di tlaa sekasekwa ka jaana maikaelelo e le go netefatsa fa barui le bone ba nna le seabe mo go tsamaiseng matlhabelo ao.
Mo go tse dingwe, banni ba Maralaleng ba supile fa ba tlhoka mokenti mo kgaolong ya bone, ba supa fa ba sokola ka go latela ditlamelo tseo kwa motseng o o mabapi wa Omaweneno.
Mopalamente o tsweletse ka go kopana le bogogi le bodiredi jwa kgaolo mme a ba kopa gore ba dire ka natla go netefatsa gore kgaolo e a tlhabologa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 May 2018






