Breaking News

Balemi ba tlaa dika ba o orile wa mariga

24 May 2018

 Balemi-barui ba masimo a Gamogapinyana mo kgaolong ya Borwa ba boletse fa ba tlaa dika ba orile molelo wa mariga monongwaga le mororo pula e nele morago.
Ba buile jalo fa ba ne ba kopane go lekodisana ka tsa letsema monongwaga le go gakololana mo go tlhabololeng temo.
Ba ne ba kopane e le balemi le dikomiti tsa bone ka go farologana ka moono o o reng; Go Dirisa Methale ya Segompieno go Tlhabolola Temo.
Molemi wa kgwebo kwa masimong a MOSISEDI, Rre John Phirinyane o ne a kgothatsa balemi go nna malala a laotswe le go tsaya temo ka tlhoafalo go ntsha dijo tse dintsi.
Rre Phirinyane o rotloeditse balemi go nna le lerato mo temong le go dira ka botswapelo, ka go nna kwa masimo ka nako tsa temo.
O ba rotloeditse go dirisa dichefi tsa go tlhagola go na le go hira batho ba a boletseng fa ba sa tlhole ba dira tiro sentle e bile ba le boitseme.
Molemi yo mongwe, Rre Meadow Dinoge o boletse fa maikaelelo a letsatsi e ne e le go kopanya balemi go akantshanya ka tsa temo le go fana maele mo go tsa temo; ba ba kgonang ba thuse ba ba santseng ba retelelwa.
Balemi le balemisi ba ne ba etela masimo ka go farologana go lekola balemi go bona temo le dikgwetlho tse ba di bonang.
Kwa tshimong ya ga Rre Setlalema Magosi wa Ditojana temo e ne e sa nametse ka gore o kaile fa a lemile morago ka ntata ya letlhoko la pula, mme motlhwa le motlho tsa mo apesa kobo ka letshoba.
Rre Magosi o ne a lemile mmidi, dinawa le ntshwe mo diekereng di le tlhano, a bo a tshela menotshane ka thuso ya ISPAAD.
Rre Failus Baofalatsa o ne a re le ntswa a lemile morago, o solofela thobo e e botokanyana.
 Molemi yo mongwe wa Gamogapinyana, Meadow Dinoge o solofela sengwe ka dijalo tsa gagwe di ne di kgatlhisa le mororo a lemile ngwaga o simologa.
Balemi ba bangwe, Rre Solly Diphoko le Sesimanyana Matlho ba solofetse thobo e e botoka le fa ba lemile morago, boora Dioka le bone kwa Gamogapinyana ba re le bone ba tlaa ora wa mariga.
Mogokaganyi wa temo-thuo mo kgaolong ya Borwa, Mme Monia Mfolwe o rotloeditse balemi go dira dikomiti tse di tshelang, a tlatsa ka go re bomme le bone ba tsene ba seka ba salela kwa morago.
Mme Mfolwe a re balemisi ba tshwanetse go fa balemi sebaka sa go itirela bokopano ba le nosi, a kopa balemi go tlhokomela masimo ka go tlhagola le go reetsa balemisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : GAMOGAPINYANA

Event : Phuthego

Date : 24 May 2018