Mokgatlho wa Boiteko o ruta bana ka temo - thuo
24 May 2018
Mekgatlho ya balemi mo dikgaolong e tshwanetse go ema ka dinao go rutuntsha bana ka mosolwa wa temo-thuo e le nngwe tsela ya go tlhabolola le go tokafatsa seemo sa dijo mo lefatsheng leno.
Mo potsolotsong le BOPA, modulasetilo wa mokgatlho wa balemi-barui wa Boiteko mo kgaolong ya Palapye, Mme Senamolela Mazile o supile fa e le maikarabelo a mekgatho ya balemi-barui go tlhagolela isago ya temo-thuo mo lefatsheng leno ka go simolola ka dithuto tsa temo-thuo tse di itebagantseng le bana.
A re go ruta bana ka temo-thuo ba santse ba le bannye go ka thusa gore ba nne le kgatlhego mo temo-thuong mme ba gole ka ditoro tsa go batla go itshetsa ka temo-thuo le go nna balemi-barui ba popota mme seo se thuse gore lefatshe le ntshe dijo mme e bile di le tlhwatlhwa.
A re tshokolo ya go tlhoka go ntsha dijo tse di lekaneng e lefatshe leno le e itemogela mo bogompienong ke ka ntata ya go bo thuto ka temo-thuo go tswa kwa moding e na ya seka ya dirwa mo go tseneletseng mme seo sa dira gore bana ba tsee temo-thuo loleya.
O tlhalositse fa temo-thuo e ka fetola itsholelo ya lefatshe, a supa fa seo se ka kgonega fa mekgatlho ya balemi-barui e ka akaretsa bana ba dikole mo bokopanong jwa bone e le nngwe tsela ya go ba tlhatlhelela.
A re mangwe a maikaelelo a Boiteko ke go bereka le bana ba dikole mo Palapye, a kaya fa a itemogetse gore bangwe ba baithuti ba na le toro ya go nna balemi, ka jalo ba tlhoka go pepetlediwa le thotloetso e e tsepameng gore ba kgone ditoro tsa bone.
A re ba setse ba kgonne go akaretsa baithuti ba sekole sa Kgaswe International mo bokopanong bongwe jwa mokgatho wa bone moono mogolo e le go dira mo go tweng le ojwa le sale metsi.
Mo go tse dingwe, Mme Mazile o kaile fa mokgatlho wa bone o ititeile sehuba gore o tlaa ntsha dijo tse di tlaa jesang kgaolo ya legare mme e re ba ntse ba gola ba jese le lone lefatshe tota.
A re kgwetlho e ba kopana le yone ke go bo ba santse ba na le tlhaelo ya madi mme a supa fa mo bokopanong jwa bone a rotloetsa maloko go emela mokgatlho ka dinao. O kaile fa go le botlhokwa gore balemi-barui mo kgaolong ya Palapye ba tsenelele mokgatlho wa Boiteko, a supa fa seo se ka thusa gore ba fenye dikgwetlho tsa temo-thuo mme kwa pheletsong ba ntshe dijo tse di nametsang.
Fa a tswa la gagwe, Rre Mothusi Mokgwathi yo e leng leloko la Botswana Horticulture Association a re temo ya nosetso ya merogo e na le bokamoso mme e bile go na le kgonagalo ya gore balemi ba lefatshe leno ba ntshe dijo tse di lekaneng.
A re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, ka jalo a kopa mekgatlho ya balemi go ralala lefatshe leno go tsosolosa maloko mo dikgaolong tsa bone le go nna maloko a Botswana Horticulture Council gore ba kgone go amogana maele ka tsa temo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : PALAPYE
Event : Interview
Date : 24 May 2018






