Breaking News

Mopalamente o tsibositse banni ka molao

24 May 2018

Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse o boleletse banni ba Lentsweletau le Kopong fa molao wa matimela o shafaditswe.
Mopalamente o ne a tlhalosetsa banni ka melao e e fetisitsweng kwa Palamenteng e e sa tswang go feta.
Rre Seretse a re pele ga molao o fetolwa, matimela a ne a tshwarwa malatsi a masome mararo kgotsa kgwedi go santse go letilwe gore mong a tle go le golola.
A re mo sebakeng seno molao o mosha o o fetisitsweng ke Palamente jaanong o letlelela gore matimela a ka nna beke tse pedi fela pele ga mong wa lone a le tsaya.
Ntle le jalo, leruo la go nna jalo le a rekisiwa. Se se tla morago ga gore leruo le bo le fitlhelwa le saila mo metseng ka le ne le sa tlhokomelwe.
Mopalamente o tlhalositse gape gore Palamente e fetisitse molao o o amang bana fa go tla mo dikgannyeng tsa tlhakanelo dikobo kgotsa le gone go ratana.
Molao o jaanong ga o letlelele ope go tlhakanela dikobo le bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi.
Ope yo o tlolang molao o, o tlaa lebisiwa molato. Rre Seretse a re molao oo o fetisitswe ka jaana bana ba ne ba ntshiwa basadi ba sale bana mo go felelang bana ba tlogela sekole ka ntata ya boimana.
Fa a akgela segolo jang mo dikgannyeng tse di amanang le leruo, Kgosi Michael Molefe wa Kopong o kaile fa borukutlhi jwa leruo bo sa tokafale mo kgaolong. Kgosi Molefe a re leruo jaanong le setse le tsewa motlhofo fela mo barui ba setseng ba iphotlhere.
Mongwe wa batsena phuthego Rre Onameditse Kemo o ngongoregetse ka fa molao wa matimela o dirilweng ka teng, a tlatsa ka go re go ka bo go dirilwe patlo maikutlo mo setshabeng.
A re molao oo, o direletswe go nyeletsa kgomo. Le fa go ntse jalo, o lebogetse molao o o itsang tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse 18.
Fa a akgwa mopalamente dikgaba, Rre France Seile o kopile gore magodu a dikgomo a sekisiwe ke dikgosi.
Rre Seile a re o buisiwa se ke gore dikgosi ke tsone tse di agisanyang batho, gape dikgang kwa dikgotleng tsa ga mmakaseterata di dintsi thata e bile go tsaya nako gore di sekwe. A re se, se rotloetsa magodu go tswelela ba senya.
Rre Seboka Bonno ene o ne a kopa puso go dirisa lekalana la puso la kgaso le dikitsiso go itsese beng ba dikgomo fa dikgomo tsa bone e le matimela ka a dumela gore go dira jalo go ka dira gore beng ba dikgomo ba itse fa dikgomo tsa bone di tshwerwe e bile ba ka tsiboga ka pele go ya go di golola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : LENTSWELETAU

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 May 2018