Molao wa taolo ya motsamao wa leruo o ntsha maduo
24 May 2018
Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane o tlhalositse fa molao wa taolo ya motsamao wa leruo o tsweletse ka go ntsha maduo a a nametsang fa e sale ba simolola go o dirisa ngogola.
Mo potsolotsong le BOPA, Rre Kgabanyane o kaile fa mo nakong eno motsamao wa leruo, segolo bogolo wa dikgomo, o setse o fokotsegile mo Molepolole.
A re seo se supa fa morafe o setse o o tsaya ka tlhoafalo.
“Morafe o setse o utlwa jaanong ka gore re a bona gore leruo le fokotsegile mo motseng e bile motse o setse o lebega botoka,” Rre Kgabanyane a tlhalosa.
A re fa e sale ba simolola go dirisa molalo oo ka Sedimontlhole ngogola, ba setse ba kgonne go tshwara dikgomo di le makgolo a mabedi, masome a mararo le boferabongwe, mme a re mo nakong eno di le lekgolo, masome a mararo le bofebabongwe beng ba tsone ba setse ba di golotse.
O tlhalosa fa di le masome a mane le bongwe di le kwa masakeng a matimela, fa tse dingwe di le masome a mane le bongwe beng ba tsone ba di golotse ka letsatsi le di tshwerweng ka lone mme a kaya ba sa di duelela ka ba kgonne go fitlhela badiri ba khansele ba santse ba di phutha.
“Mo nakong ya gompieno re tshegeditse dikgomo di le lesome le boferabobedi mo masakeng a rona mme mo go tsone di fera bobedi di tlaa isiwa kwa masakeng a matimela ka nako ya tsone ya go nna mo masakeng a rona e setse e wetse,” Rre Kgabanyane a tlhalosa.
A re ba ne ba tshwara le dipodi tse pedi mme a kaya fa dipalo tseo tsotlhe di supa fa morafe o dirisana le bone sentle.
Molao oo, o itebagantse le mafelo a magolwane mo kgaolong a akaretsa Molepolole, Thamaga, Kumakwane, Gabane le a mangwe.
O bile a re mafelo a a amegileng thata ka nako e ba neng ba phutha dikgomo mo motseng wa Molepolole a akaretsa kgaolwana ya Sebele, Ntlolengwae, Lekgwapheng le Magokotswane kwa a kaileng fa dikgomo ka bontsi di ne di bonwa teng.
Rre Kgabanyane o tladitse ka go re maikaelelo a bone e le khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau ga se go dira madi, ke go lemotsha morafe fa Molepolole a setse a godile o lekane le go nna motse setoropo ebile a tlhokana le ditlhabololo e seng gore a nne moraka.
O ne a gakolola morafe go tswelela ba tlhokomela leruo, a gatelela gore go tsamaya ga lone mo motseng go baya matshelo a batho mo diphatseng ka jaana le baka dikotsi tsa tsela.
A re molalo o tlaa tswelela o le mo tirisong ka go sena sepe se se ba kgoreletsang mo go o diragatseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : MOLEPOLOLE
Event : Interview
Date : 24 May 2018






