Breaking News

Bana ba shwetse mo ntlong

24 May 2018

Mapodisi a Kang a tlhotlhomisa dintsho tsa bana ba babedi, ba dingwaga tse di ka tshwarang botlhano, ba ba shwetseng mo ntlong ka Labobedi.
Mothusa ramapodisi a Kang, Assistant Superintendent Kabelano Tebogo, o boleletse BOPA mo potsolotsong gore mapodisi ba ne ba ragogela kwa ntlong eo morago ga go amogela pego mme ba fitlhela e esha, mo e neng e le gaufi le go lora.
Ka thuso ya setshaba ba ne ba kgona go tima molelo oo, mme morago ga go phuruphutsha, ba bona bana ba babedi bao mme ba ragosediwa kwa kokelwaneng ya Kang kwa ngaka e fetileng ya tlhomamisa fa ba tlhokafetse.
Mothusa ramapodisi o boletse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona gore molelo o bakilwe ke eng le gore ditshenyegelo di bokete bo kae.
O rotloeditse batsadi go netefatsa gore ba tlogela bana mo tikologong e e babalesegileng ka nako tsotlhe le batho gore ba tsiboge ka nako fa ba bona seemo se se sa nnang sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : KANG

Event : Interview

Date : 24 May 2018