Breaking News

Kgosi o lela ka tshenyo ya lefelo la ditso

23 May 2018

Kgosi Mukani Mudongo wa Nlapkhwane a re o tshwenngwa ke batho ba ba senyang lefelo la ditso la Gandanyemba le le mo motseng wa gagwe.
Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Mudongo o ne a tlhalosa fa batho ba rata go etela lefelo le go itsaya dinepe tsa manyalo mme ba le tlogele le le leswe.
A re se se utlwisang botlhoko ke gore bangwe ba tsaya didirisiwa dingwe mo difalaneng tse di kwa dithabeng tse ka ba dumela fa di ka ba tlhaba lesego.
Kgosi Mudongo a re go na le ditlhare dingwe kwa dithabeng tse, tse batho ba ratang go di kgetla ka ba di dirisa go alafa malwetse mangwe, a re ditlhare tse di tsamaela go nyelela ka ba di epolola ka medi.
O tlhalositse gore ba ikaelela go agelela lefelo le go laola motsamao, selo se a reng ke maiteko a go babalela matlotlo a tlholego gore dikokomane tse di tlang di tle di a akole.
O tlhalosa gore gangwe le gape ba kopa morafe, bogolo thata barutabana gore ba tsibose bana ka botlhokwa jwa go somarelo matlotlo a.
Motlhokomedi wa lefelo leo, Mme Chaetiwa Chapson a re mo nakong ya gompieno go thata go kganela morafe go tsena mo lefelong le ka le sa agelelwa.
Mme Chapson o tlhalosa gore lephata la tshomarelo matlotlo a tlholego ga le kganele ope go akola le go bona bontle jwa Botswana mme ba rotloetsa batho gore ba seka ba senya sepe.
A re kgwetlho e tona ke dikereke tse di tshwarelang merapelo kwa godimo ga dithaba tse ka ba tshubela dikerese mo go felelang go taka dinthwantso le mekgabisa ya bogologolo e e mo matlapeng.
Mme Chapson o tlholosa fa ba tshwengwa thata ke batho ba ba ratang go epolola setlhare sa nfadzimuke ka medi.
“Setlhare se se bogale go ya ka tumelo ya batho le leina la sone le raa gore motsosa baswi.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : MASUNGA

Event : Interview

Date : 23 May 2018