Breaking News

Banni ba amogela ditlhabololo

23 May 2018

Banni ba masimo a Sekokwe ba re ba amogela ditlhabololo tse di sa tswang go fediwa mo kgweding eno ka mabogo oo mabedi.
Ba boletse jaana mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo, ba tlhalosa fa ba diretswe marogo a a kgabaganyang melatswana e e tsenelang kwa teng ga masimo a mararo.
Mongwe wa banni ba masimo ao, Mme Tebogo Thomas o tlhalositse fa selelo sa bone se arabilwe ba sena go sokola ka lebaka.
Mme Thomas a re melatswana e, e ne e ba jesetsa mo lesweng fa dipula di na ka jaana ba ne ba tshela ka go lala nageng, ba kopa maroko.
A re go le gantsi e ne e re fa dipula di nele, le bana ba dikole ba ne ba tlolwa ke dithuto.
Mme Thomas a re selo se se ne se tshwenya thata ka gonne seemo sa loapi se kgona go iphetogela fela ntle le go tsibosa.
“Ngwana fa a kwala ditlhatlhobo e be pula e mo tshwara a ise a fete, o kgona go felela di mo tlodile mo go rayang gore go kgona go isa matshwao a gagwe kwa tlase,” a fa sekai.
A re ntlha e nngwe e e neng e ba ngomola pelo ka go tlhoka marogo a ke fa go na le molwetse ka gonne bakgweetsi ba koloi ya tshoganetso ba ne ba gana go tlola melatswana e.  
O tlhalositse gape gore melatswana e e ne e le borai ka go nne le dilalome di ne di itirelela ka le mapodisi ka dinako tsa dipula ba ne ba sa dumele go tla go ba thusa fa ba tlhasetswe. Mme Thomas a re ditlhabololo tse di tlaa tokafatsa matshelo a bone thata ka gonne le dipalamo tsa setshaba ba solofela fa di tlaa nna di ba fokoletsa mosepele go ba suteletsa gautshwane ka nne ba ntse ba kganelwa ke tsela e e seng mo seemong.
Modiri mo kgwebong ya dikoko e e gautshwane le tsela mme e bile e le fa tshimologong ya masimo a, Mme Mano Khanda ene o tlhalositse fa a itumeletse tshwetso ya gore go agwe marogo a, a tlhalosa fa batho ba ne ba sokola.
A re e ne e re fa dipula di na le ene a bo a tsena mo tsietsing ka mongwe le mongwe yo o sa kgonang go tlola a bo a tshabela fa go ene mme a sena bonno jo bo lekaneng.
Mme Khanda o boletse gape gore selo se se ne se baya tiro ya gagwe ka fa mosing ka jaana ba ba dinalanyana ba ne ba utswa dijo tsa dikoko.
Fa a latlhela la gagwe, mogwebi yo mmotlana, Rre Kago Bafana o tlhalositse fa marogo a a tlaa mo solegela molemo ka a ne a sokola go gorosa dithoto tsa gagwe kwa lefelong la marekisetso. A re ke tlhabololo e a sa bolong go e letela e bile a solofela fa a tlaa kgona go dira dipoelo tse di botoka fa a tshwantshanya le pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebalepile Phuthego

Location : SEKOKWE

Event : Interview

Date : 23 May 2018