Thanolo ya Baebele ka Sekalaka e wetse
23 May 2018
Go ranolelwa ga Baebele mo puong ya Sekalaka go weditswe.
Se se tlhalositswe ke mogolwane yo o tlhokometseng thanodi ya Baebele kwa ditemeng tse dingwe mo lefatsheng leno Mme Baseki Baloyi kwa phuthegong ya kgotla kwa Gerald Estates mo Francistown.
Mme Baloyi o tlhaloseditse banni gore thanodi ya Baebele mo Sekalakeng e tlaa bidiwa Baebele ya ka engemala mme e bile e tlaa tlhomamisiwa go tsena mo tirisong semmuso Phatwe a tlhola malatsi a le masome mabedi le botlhano.
A re tsholofelo ke gore diphuthego tsa dikereke go tsweng khutlong tse nne tsa lefatshe leno di tshologele moletlo oo go tla go segofatsa Baebele e.
Mme ke gone ka moo a neng a kopa banni ba Francistown go goga ka jokwe e le nngwe go baakanyetsa moletlo o, a tlhalosa fa setshwarwa ke ntsa pedi se se thata.
Mme Baloyi o ne a tlhalosa fa go ranolwa moo go tsile morago ga gore ba lekgotla la dikereke la Francistown ba itemogele fa Batswana bangwe ba letso la Sekalaka ba sa itse dipuo tse di dirisitsweng go kwala Baebele mme seo se ba kgaphela kwa thoko go itse Baebela, mme ba kopa gore e ranolelwe mo Sekalakeng.
O ne a tlatsa ka go tlhalosa fa go ranolwa ga Baebele mo Sekalakeng e se gone fela ka jaana ba le mo legatong le lengwe la go ranolela Baebela kwa ditemeng tse di fitlhelwang mono gae di akaretsa Seyei, Sekgalagadi le Sesarwa gore kgabagare merafe yotlhe e nne le sebaka sa go bala Baebele ka teme ya bone mo ngwageng wa 2020.
E ne ya re fa a mo kgwa dikgaba, modulasetilo wa lekgotla le le okametseng dikereke tsa Francistown, Archbishop Malejane Ramotshabi a supa boitumelo jo bogolo ka go wediwa ga thanolo eo.
Archbishop Ramotshabi a re ba le morafe wa Sekalaka ba motlotlo e bile ba tlaa ipelafatsa ka kgatelopele e mo matshelong a bone ka kakaretso.O boletse fa go dirisiwa ga puo ya bone ya Sekalaka mo Baebeleng e le nngwe tsela ya go tlotlomatsa teme ya bone mme e bile go tlaa thusa gore bangwe Batswana ba kgatlhegele go itse teme e.
O ne a itela mo dikerekeng le banni ba Francistown go nna le seabe mo dipaakanyong tsa moletlo mogolo wa go tlhomamisiwa semmuso ga Baebele e.
A re diphuthego tsa dikereke ka go farologana go sa kgathalesege gore ke tsa mofuta o fe di bereke di le seopo sengwe gore moletlo o o tle o ketekwe mo go kgotsofatsang.O bile a ba tlhagisa fa letsatsi leo e tlaa nna lengwe la ditso la bone, ka jalo a kopa gore botlhe ba ba nang le diaparo tsa dikereke ba tle ba di apere.
E re dikgang di eme jalo, Archbishop Ramotshabi o ne a supa fa e le ba lekgotla la dikereke ba tshwenyegile thata mabapi le letlhoko le legolo la lefatshe go dira mafelo a kobamelo a dikereke.
O tlhalositse fa seemo se se setse se pateleditse dingwe tsa diphuthego tsa dikereke go ipaya fela, selo se a reng ga se ka fa tshiamelong ya matshelo a bone le botsogo.
Ka jalo o ne a ikuela mo pusong gore e ba sekegele tsebe go tswa ka leano gore mafelo a a leng teng a a akanyeditsweng go tla go dirisiwa mo ditirong tsa ditlhabololo ba a adingwe.
A re seo se ka thusa go tila dikgogakgogano tsa bomaipaafela mme e bile go ka dira gore dikereke di obamele Modimo di phuthologile.
Fa a iteela kobo moroko, Kgosi Paul Motshwane wa Lekgotla la Setswana la Gerald o ne a lebogela thanodi eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : FRANCISTOWN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 May 2018






