Ba masimo a Serowe Bokone ba lela ka lenyora le letlhoko la ditsela
23 May 2018
Banni ba masimo a Khumanego, Patwe, Sajwe, Hulwane, Taukome le Botepetepe mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Bokone ba boleletse mopalamente wa bone yo gape e leng mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Kgotla Autlwetse gore ba bolawa ke lenyora.
Banni ba ne ba kopa mopalamente go ba thusa go katolola matamo aa mo dikgaolong tsa bone go re ba nwe ba bo ba siele leruo la bone mo go one.
Ba kopile gape go direlwa metshela kgabo e ba tlaa e dirisang go tlolela kwa Serowe go isa thobo ya bone marekisetsong.
Rre Autlwetse o tlhalositse fa kgang ya itebaganya le go fedisa lenyora mo kgaolong go tlhoka madi a mantsi le tshwaragano ya mopalamente le makhanselara.
A re fa go ne go ya ka ene, matamo a kabo a sa diriwe ka a le diphatsa mo matshelong a batho ga mmogo le leruo.
A re ene o bete se molangwana ka kgang ya go katolola matamo ka gore metsi a matamo a motlhofo go kgotlelesega a re didiba di botoka thata ka one a tlhatswiwa ke mothaba pele ga batho le leruo ba ka a nwa.
Mopalamente o supile fa metsi a sediba a se motlhofo go kgotlhelesega mme a ba solofetsa gore o ba bonetse didiba tse dikgolgolo a bo a epa didiba kwa go senang didiba teng mme di tlaa dirisa marang a letsatsi ka one a se turu jaaka diesel.
Rre Autlwetse buile ka bolwetse jwa mabele a re dipalo tsa batho mo masimong di oketsegile fela thata fa go tshwantshanngwa le mo malobeng mme se se felela se sadisa diphatlha tse di nnye fa gare ga masimo kwa leruo le hulang teng.
A re diphatlhanyana tseo, bangwe ba di dirisa go ithomela mo go tsone mme leruo le felele le jele tlhaga e kgotlelesegileng e e ka bakang bolwetse jwa mabele.
Rre Autlwetse a re motlha ono o tlhoka gore go fetogwe go agiwe matlwana a boiteketso mo masimong go lwantsha bolwetse jwa mabele mo leruong ka gore fa dikgomo di ka kopana le leswe la setho kwa matlhabelong ya re ka phoso badiri ba tlhoka go lemoga se, nama ya teng fa e tsena kwa Europa e ka seke e rekwe.
Mopalamente a re ba kgonne go dira metshela kgabo mo ditseleng tse di mo masimong gore ba kgone go isa thobo ya bone kwa marekisetsong ba sa kgorelediwe ke sepe a bo a ba lekodisa gore puso e tsere tshwetso ya go tswala matlhabelo a Francistown ka a ne a sa dire dipoelo mme puso e tsere tshwetso go a kopanela le barui. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 May 2018






