Kgaolo ya Borwa e tshwenngwa ke TB Malaria
23 May 2018
Mogolwane go tswa kwa lekgotleng la botsogo la District Health Management Team (DHMT) mo Kanye, Rre Kabo Semphadile a re o tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa bolwetse jwa kgotlholo e tona.
O buile jaana mo phuthegong ya kgotla ya Mmamokhasi kwa Kanye bosheng.
A re mo ngwageng wa 2017/18, ba kwadisitse dipalo tsa bolwetse jwa TB di le masome a matlhano le borataro mo dikgotleng tse di bapileng le Kgwatlheng mo Kanye.
Rre Semphadile o boletse fa a sa jesiwe diwelang ke balwetse ba ba tsweletseng ka go ikgatholosa ditaelo tsa baoki.
“Balwetse ba gompieno ga ba tshele lobaka ka gore ba nwa dipilisi ka bojalwa,” a tlhalosa.
O ne a tlatsa ka go re bolwetse jo bo ne bo kgona go laolesega bogologolo e bile motho a kgona go fola, mme gompieno balwetse ba dira tiro ya bone thata ka gore ga ba dire se se tshwanetseng.
O ne a tlhalosa fa ba tshwentswe gape ke bolwetse jwa Malaria mo kgaolong ya Borwa.
O boletse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2017/18, ga gatisiwa dipalo di le tharo tsa Malaria kwa sepateleng sa Sabata mo Kanye, e le nngwe kwa Dilolwe, di le pedi kwa Lorolwane, Selokolela e le nngwe mme mo go tsone tse di supang tse, ga nna le motho a le mongwe yo o neng a tlhokafala.
Rre Semphadile o tlhalositse fa mo dingwageng tse di kwa morago bolwetse jo, bo ne bo sa tlwaelesega mo kgaolong ya Borwa, mme a supa fa gompieno bo tsweletse ka go gola le go atologa.
Ka jalo, o ne a rotloetsa banni ba Mmamokhasi go tsaya maikarabelo mo go lwantsheng bolwetse jo ka go tlhagola le go phepafatsa go fokotsa go ata ga jone.
O ne gape a supa fa a sa jesiwe diwelang ke batsadi ba ba ganang go ikanela bana ba bone gore ba dire loaro lo lo babalesegileng.
“Re ne re ipeetse seelo sa makgolo a matlhano sa bana ba re tlaa ba dirang loaro, mme re ne ra kgona go dira fela ba le makgolo a mararo le masome a mabedi le bobedi,” a tlhalosa.
O ne gape a kopa batsadi go tswa mo mokgweng wa go isa bana sekaleng fela fa go na le mophako.
A re fa bana ba sa isiwe sekaleng, go nna thata gore baoki ba kgone go ba ela tlhoko fa ba sa gole sentle, a tlatsa ka go re le ngwana o felela a sa gole sentle mo mmeleng, mo tlhaloganyong, a tshaba batho le gone go nna a sa itumela. Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa lekgotleng la Humana People to People mo Kanye, Mme Dipuo Sebopelo le ene o ne a supa fa ba tshwentswe ke batsadi ba ba sa direleng bana ditlankana tsa matsalo.
O boletse fa ba gatisitse dikgang tsa bana ba ba nang le dingwaga di supa go ya kwa go boferabobedi ba ba sa tseneng dikole e bile ba nna kwa malwapeng ka mabaka a go tlhoka ditlankana tsa matsalo.
“Fa bana ba sena ditlankana tsa matsalo, re felela re ba isa gore ba ye go thusiwa ke bommaboipelego gore ba ye go tsewa selekanyo sa leoto go bona gore ba ka tswa ba le dingwaga di le kae,” a tlhalosa.
Mme Sebopelo o ne a tswelela a supa fa ba tshwentswe gape ke dikgang tsa bana ba ba dirisiwang botlhaswa mo malwapeng mme di sa buiwe.
O kgadile a sa kgwe mathe bomme ba ba letlelelang borre gore ba dirise bana ba bone botlhaswa ba sa bolelele mapodisi ba lebile gore rre yoo o tsisa dijo mo lwapeng.
Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa bojalwa bo na le seabe se setona mo go bakeng dikgang tsa tiriso botlhaswa ga bana.
Bangwe ba ne supa fa ba tshwentswe gape ke majalwa a a omelwang mo malwapeng ba re ke one a a dirang gore bana ba felele ba tlogela dikole. Rralekgotla, Rre Maitato Mmusi o ne a tlhalosa fa banni ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba bone ka go ikgalemela pele.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba supa fa ba sa itumelele letlhoko la ngaka, go letela thuso lebaka le le leele, letlhoko la melemo mo dikokelwaneng mo ba felelang ba kgarakgatsega ba e batla.
Fa a araba, mooki wa Mmamokhasi, Mme Morekolodi Rammoni o ne a supa fa go na le tlhaelo ya bodiredi, bogolo jang dingaka.
O ne gape a rotloetsa banni go tla ka dijo tse ba tlaa di jang, bogolo jang ba ba lwalang malwetse a tshwana lee sukiri fa ba ntse ba emetse go thusiwa.
A re ba tlaa leka gape go fefosa dithuso le go tlholela balwetse melemo mo dikokelwaneng tse dingwe gore ba seka ba kgarakgatshega.
Kgosi Obusitswe Solomon o ne a kopa banni go latlhela matlakala kwa go tshwanetseng teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoloki Mauco
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 May 2018






