Breaking News

Khansele e gokela dipone tsa mo mekgwatheng

23 May 2018

Khansele- potlana ya Molepolole/Lentsweletau e tlaa dirisa P3.2 million go gokela dipone tsa mekgwatha mo ngwageng wa madi wa 2018/19 go ralala kgaolo.
Mo potsolotsong le BOPA, mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Gofaone Kgabanyane o tlhalositse fa ba simolotse go gokela dipone tseo morago ga go tsaya malebela ngogola ka Phalane kwa Selebi Phikwe le Masunga kwa di setseng di dirisiwa teng.
Dipone tse, ke tse di dirisang marang a letsatsi, ka jalo go tlhalositswe fa di ka seka tsa kgorelediwa ke kgaogo ya motlakase gape di fokotsa ditshenyegelo ka lebone le le lengwe le kgona go bonesa sekgala se se leele sa dimithara di ka tshwara makgolo a mararo le masome a matlhano.
Rre Kgabanyane o tlhalositse fa ba ne ba ikgolaganya le boeteledipele ga mmogo le morafe mo mafelong ao go botsolotsa ka botlhokwa jwa dipone tseo, mme ga supafala fa di thusitse thata mo twantshong borukutlhi le go fokotsa lefifi mo mekgwatheng.
O supile fa e ne ya re morago ga dipatlisiso tseo, ka kgwedi ya Sedimonthole ba gokela dipone tse pedi kwa Molepolole mo kgwaolwaneng ya Boribamo le Legonono, mme ya re monongwaga ka Mopitlo ba gokela dipone di le pedi kwa goo Ntloedibe.
Rre Kgabanyane o supile fa ba tlaa tswelela ka go gokela dipone di le lesome le boraro, mo go tsone di le lesome di tlaa gokelwa ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo kwa Molepolole, fa tse tharo ba tlaa di gokela ka madi a tsamaiso ditirelo tsa khansele tsa tsatsi le letsatsi kwa kgaolwaneng ya Lentsweletau Bophirima, Gakuto le Sojwe.
Mo go gokeleng dipone tseo, Rre Kgabanyane o tlhalositse fa ba dirisanya le mapodisi go ba thusa ka tshekatsheko ya mafelo a a angwang thata ke borukhutlhi kwa Molepolole go simolola kwa go one pele.
“Re a itse gore motse wa Molepolole o lebaganwe ke kgwetlho e tona ya borukhutlhi, mme re dumela fa dipone tse di tlaa thusa go bo fokotsa,” Rre Kgabanyane a tlhalosa.
 O supile fa morafe o amogetse dipone tseo ka ’atla tsoo pedi, ka jaana kwa mafelong a di setseng di gokeletswe kwa go one banni ba kopa gore di okediwe ka di thusitse go fokotsa lefifi le borukhutlhi, mme a tlhalosa fa ba tlaa leka go araba dikopo tsa banni bao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepang Segola

Location : MOLEPOLOLE

Event : Interview

Date : 23 May 2018