Komiti ya DHMT e abela badiri dietsele
23 May 2018
Molaodi wa kgalagadi, Rre Rapetse Mathumo a re botsogo ke konokono mo botshelong jwa mongwe le mongwe.
Rre Mathumo o buile jaana kwa moletlong wa kabo dietsele wa badiri ba lephata la botsogo le boitekanelo ba le masome a mabedi le bongwe mo Kgalagadi Borwa bosheng.
Moletlo oo, o ne o rulagantswe ke komiti ya District Health Management Team (DHMT) e le tsela nngwe ya go leboga le go tiisa moko badiri go tswelela ba dira tiro ya bone ya tsatsi le letsatsi ka matsetseleko ba tsentse marapo dinamemg.
O ne a kgothatsa badiri go baya kwa pele maitlamo a lephata a a itebagantseng le go thusa setshaba ka lorato, Botho le ka nako e e tshwanetseng.
O ne a ba gakololela gape go thusa setshaba ba wetse dibete e bile ba tlhaloganya se ba se dirang ka setshaba se solofela thuso ya maemo a ntlha ka nako tsotlhe mo go bone.
Fa a bua ka mogare wa HIV/AIDS, Rre Mathumo o kaile fa puso e tswa kgakala e lwantsha bolwetse joo mme go santse go na le kgwetlho mo kgaolong ya Kgalagadi mo phokotsong le kanamo mo setshabeng.
O ne a kgothatsa gape badiri ba botsogo le boitekanelo mo kokelong ya Tsabong go tswelela ba tlhomamisa gore bomme ba ba itsholofetseng ba fiwa tlhokomelo e e rileng go fitlhelela ba belega.
O tlhalositse fa kgolo ya dipalo tsa setshaba e ikaegile ka masea go simolola fa ba tsholwa go fitlha ba nna ngwaga tse tlhano.
Mo go tse dingwe, Rre Mathumo o ne a supa fa setshaba se tswa kgakala se ngongorega ka ditirelo tsa botsogo tse di sa kgotsofatseng mme a kopa boeteledipele go ema ka dinao go fedisa selo seo.
O ne kgothatsa ba ba filweng diestele go tswelela ba dira ka natla go isa lephata kwa pele, mme a gwetlha ba ba sa kgonang go tsaya dietsele go gagamatsa le go dira tiro ya bone ka botswerere gore le bone ba ikgapele dietsele mo nakong e e tlang.
Fa a tswa la gagwe, mongwe wa ba ba abetsweng dietsele, Mme Ontuetse Dipheko go tswa kokelwaneng ya Maralaleng, o ne a galaletsa thata boeteledipele mo lephateng la botsogo le boitekanelo go bo ba kgonne go ba tiisa moko ka go ba neela dietsele.
Mme Dipheko o ne a kgothatsa badiri ka ene go tshwara ka thata mo ditirong tsa bone tse di farologanyeng, a supa fa boineelo, boitshoko le bopelotelele di felela di ntsha maduo a a itumedisang.
Mookamedi mo kokelong ya Tsabong, Mme Selina Sethibang o ne a itumelela badiri ba ba amogetseng dietsele go bo ba dirile tiro ya bone ka bokgabane mo ngwageng wa madi wa 2016/2017, mme a ba kgothatsa go tlhoafalela go tsholetsa serodumo sa lepthata leo le mo nakong e e tlang.
A re le ntswa go ne go na le ba ba sa abelwang, seo ga se reye gore ga ba dire tiro ya bone ka botswerere, mme fela go tshwanetse ga nopolwa ba ba ntshitseng tlhogo mo go ba bangwe.
Mme Sethibang o ne a bolela gore le ntswa go na le tlhaelo ya didirisiwa, badiri ba leka ka natla go dira tiro ya bone ka manontlhotlho le go tlhomamisa gore ba kgotsofatsa setshaba.
O ne a leboga barulaganyi ba letsatsi leo, a re ba dirile go le gontsi go tlhomamisa gore letsatsi leo le a atlega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kabo dietsele
Date : 23 May 2018






