Breaking News

Mosireletsi o ruta ba Tsamaya ka ofisi ya gagwe

23 May 2018

Mosireletsi, Rre Augustine Makgonatsotlhe o tlhaloseditse banni ba Tsamaya mo Bokone Botlhaba fa Mosireletsi e le motho yo o sa amaneng gope le puso kgotsa lekoko lengwe la sepolotiki mme e le motho yo o tlhongwang ke Tautona a sena go rerisana le baeteledipele ba lafatshe.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Tsamaya go ruta banni ka ofisi ya gagwe, Rre Makgonatsotlhe a tlhalosa gore mosireletsi go tewa mohemedi wa matshelo a batho gore ba seka ba tsiediwa, ba rontshiwa ditshwanelo tsa bone ke puso kgotsa banni ba bangwe kana go gobelelwa ka mokgwa mongwe go tlolwa molao.
A re ofisi ya mosireletsi e tlhamilwe ka 1997 fa ene a thapilwe go nna mosireletsi ka 2016.
“Ke lemogile gore Batswana ga ba dirise dithuso tsa rona e bile ba nna ba na le dingongorego mme ba sa itse kwa ba ka bonang thuso teng,” ga tlhalosa Rre Makgonatsotlhe.
Rre Makgonatsotlhe o rile o amogela dingongorego go tswa mo setshabeng, kwa dikomponing tse di ikemetseng, motho yo o ngongoregang ka fa molaong a le kgatlhanong le maphata a puso, makalana a mmuso le botsamaisi jo mmuso o nang le seabe mo go jone.
O ne a ba bolelela fa a na le thata ya go tlhotlhomisa dingongorego, go tswa ka megopolo ya tharabololo fa go fosegileng teng le go rolela Tautona pego ngwaga le ngwaga, a tlhalosa ka fa a dirileng ditiro tsa gagwe ka teng jaaka di tlhalosiwa ke palamente.
Le fa a thusa setshaba jalo, mosireletsi o rile ene ga a buelele mongongoregi ka tsela e agente e dirang ka teng. A re ene ke motshereganyi yo o lebileng makgamu otlhe.
A re fa mosireletsi a tlhotlhomisa kgang mme a bo a lemoga gore ngongorego e lebane o tlaa tsaya dikgato tsotlhe tse di maleba go rarabolola kgang a bo a dira diphetogo mo tsamaisong ya kgang.
Rre Makgonatsotlhe o tlhalosa gore ofisi ya gagwe e tlhotlhomisa dingongorego tse di tshwanang le go ikgatholosa tiro, go tlhokela batho maitseo, go gana go direla mongongoregi jaaka motho yo o nang le ditshwanelo.
A re batho botlhe ba tshwanetse go thusiwa ka tekatekanyo go sena kgethololo ka letso, mmala, bong kgotsa ka mabaka mangwe fela.
Mosireletsi o tlhaloseditse morafe wa Tsamaya gore fa ba sa itumelele tsamaiso nngwe fela ba bue kana ba kwalele baeteledipele ba lephata le Mokhanselara pele ga ba ka bua le ene.
“Fa le tsisa dingongorego le kwale tshimologo ya kgang e bile le tsenye le makwalo a le neng le a kwadile go buisana le bathusi ba lona se e le bosupi.”
Banni ba Tsamaya ba ne ba supa fa ba itumeletse go bona mosireletsi a tsile go ba ruta ka ofisi ya gagwe e bile ba supa fa ba tlaa e dirisa.
Ba ne ba supa fa go setse go na le maphata mangwe a puso a ba sa itumeleleng tsamaiso ya one, ka jalo Mosireletsi a kopa gore ba sale morago tsela ya go isa dingongorego.
Mokhanselara wa Tsamaya, Rre Isaac Pelaelo o ne a akgola Rre Makgonatsotlhe go bo a dirile tiro e ntle thata ka go ruta banni ba Tsamaya ka tiro ya gagwe ka bontsi ba ne ba sa e itse.
Rre Pelaelo o ne a rotloetsa banni gore ba tshwanetse go sala morago tsamaiso morago fa ba batla go bega kgang nngwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Othusitse Khuwa

Location : TSAMAYA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 May 2018