Breaking News

Komiti e rotloetsa botsogo

22 May 2018

 Go tlhalosiwa fa e rile ka dingwaga tsa bo 1991, puso e sena go bona gore mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS bo nna bontsi, a fetola go lebagana le go ruta setshaba fela ka jone, mme a rotloetsa gore go tlhangwe dikomiti tsa botsogo mo tirong.
Mogolwane wa lephata la dikago Rre Samuel Kedise kwa Letlhakeng o boletse kwa letsatsing la segopotso sa batho ba ba amilweng ke mogare le bolwetse jwa AIDS bosheng.
Rre Kedise o ne a supa fa puso e ne e ruta setshaba ka bolwetse joo kwa dikgotleng fela, mme ya lemoga fa e tlogetse badiri kwa morago.
O tlhalositse fa go tlhama dikomiti tsa botsogo, maikaelelo e ne e le gore go nne le botsogo jwa mmele mo tirong, jwa go tsaya kalafi fa mmereki a lwala, jwa tlhaloganyo le maikutlo, go ipabalela mo tirong, botsogo jwa semoya, jwa madi le jwa tikologo e e phepa. Mogolwane kwa ofising ya AIDS, Mme Keodiretse Seretse, o ne a supa fa dipalo di supa fa batho ba tsweletse ka go angwa ke mogare mo kgaolong ya Kweneng Bophirima.
Mme Seretse o tlhalositse fa monongwaga go simolola ka Hirikgong go fitlha ka Mopitlo, batho ba le 3 857 ba itlhatlhobetse HIV, palo e e akaretsang bomme ba le 2 283 fa borre ba le 1 574.
O supile gore mo dipalong tse, batho ba le lekgolo le bone, ba ne ba supa fa ba amilwe ke mogare, bomme ba le masome a mane le bone ba amegile, fa borre ba le masome a marataro ba amegile.
Mme Seretse o boletse fa go na le balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng ba le lekgolo, masome a mararo le bone, bomme ba le masome a ferabobedi le bobedi, fa borre ba le masome a matlhano le bobedi.
O tlhalositse fa balwetse ba le 4 610 ba le mo kalafing ya diritibatsi, e akaretsa bomme ba le 2 940 le borre ba le 1 670. O tlhalositse fa go na le balwetse ba le 70 ba ba tlogetseng kalafi, mo go bone e le bomme ba le 35. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Commemoration

Date : 22 May 2018