Bomme ba thapelo ba supa kutlwelobotlhoko
22 May 2018
Bomme ba dikereke di supa tsa Mahalapye ba supile kutlwelobotlhoko ka go abela bana ba batlhoki ba le masome mabedi le bone paka ya sekole, go tswa mo dikoleng tse dipotlana tsa Mahalapye.
Modulasetilo wa komiti, Mme Agatha Madi a re ba ikgobokantse ka ba rapela Modimo a le mongwe yo o buang ka lerato.
A re ba bone go tshwanela gore ba lebe botlhoki kwa ntle ga dikereke mme ba thuse ka tse di tlhokegang. Mme Madi a re mpho e, e gwetlhilwe ke go bo ba lemogile fa go na le bana ba ba tlhokang thata mme ba felela ba tshaba sekole ka go lemoga fa ba farologana le baithuti ba bangwe.
A re ba ne ba itlama go gokagana le barutabana ba bokaedi le tshidilo maikutlo go ba tlhophela bana ba le babedi go tswa mo dikoleng di le lesome le bobedi. Mme Madi a re se ga se tlholo ntsha.
O nankotse dingwe tsa ditiro tse ba setseng ba di dirile kwa Mahalapye e le bomme ba tumelo jaaka go abela balwetse dikobo kwa sepatela le go tsenyetsa banni bangwe ba Taupye dipompo tsa metsi.
A re le fa puso e thusa bana bangwe le masiela ka lenaneo la boipelego, ba lemogile fa puso e ka seke e kgone mme ba itlama go thusa. Moruti wa Spiritual e bile e le mogokgo wa pele, o akgoletse bomme ba maiteko a ba a dirileng ka ke sone se tumelo e se rotloetsang.
A re nako ya e le morutabana, o ne a itemogela gore bana ba ba neng ba na le botlhoki, segolo jang jwa paka ba ne ba na le go inyenyefatsa e bile ba na le go tshabelelwa ke maduo a a kwa tlase ka ba na le go itlhaola mo go ba bangwe.
Rre Sebele o akgoletse bomme gore ba seka ba iteba ba le bosi ka e rile letsatsi la bomme le tsena ba thulanya dithogo go bona se ba ka se direlang ba ba tlhokileng lesego. A re se bomme ba se dirileng e tlaa nna segakolodi mo baneng ba ba abetsweng mme go tlaa ba gwetlha go ithuta thata.
Rre Sebele a re ditiro tsa kereke tse di molemo di lemogwe e bile di akgolwe e seng go lemoga fela fa kereke e tswa mo tseleng. Mogolwane wa thuto kwa Mahalapye, Mme Mmoloki Makopo o akgoletse bomme go diragatsa mafoko a pina ya setshaba a a reng ‘emang basadi, tlhagafalang re kopaneleng go direla lefatshe la rona’, a re mpho e, e tlaa tlotlomatsa karalo ya bone e le bomme e bile ba a fa bokao jo bo nitameng jwa gore mme o tshwara thipa ka fa bogaleng.
Mme Makopo o kaile fa lephata la thuto le rotloetsa batsaya karalo mo mehameng e e ikemetseng go thusa go ntsha maduo.
O weditse ka go re le ene o solofela gore baabelwa ba tlaa tsaya tsie thuso e mme ba supe tebogo ya bone ka go fetola maduo a bone kwa sekoleng ba pase mme e re mo isagong e nne bone ba ba tlaa kgobokanyang matshwititshwi le bone ba supe mowa wa neelano le boutlwelobotlhoko.
Motsadi, Mme Mmeisi Kgopa o lebogetse bomme gore ba bo ba bone tlhaelo ya bone e le batsadi go tlamela bana, a re se se tlaa mo fa boroko ka ba lebane le diemo tse ditona tsa botlhoki.
Kgosi wa Mahalapye, Rre Duncan Segotsi a re o itumediswa ke go bona dikereke di abelana mowa wa boutlwelobotlhoko kwa Mahalapye. O rotloeditse banni go tswelela ka mowa o. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event : kabo dimpho
Date : 22 May 2018






