Breaking News

WUC e tlaa akanyetsa dijojo

22 May 2018

Mogolwane Water Utilities Corporation go tswa kwa Molepolole, Rre Kobamelo Letsatsi a re ba tlaa sekaseka kopo ya go nosa metsana ya Kgesakwe le Matagatse ka ditanka tse di tona le ntswa a supile fa ba na le matshwenyego ka go di dirisa ka jaana di sa babalesega.
E rile a buisa makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakemg kwa khanseleng eo ka Motsheganong e tlhola lesome le bosupa, Rre Letsatsi o ne a supa fa e le koporase ba le ’bete se molangwana ka go dirisa ditanka tseo ka jaana ba kile ba nna le tiragalo e mongwe a kileng a di kgotlela kwa kgaolong nngwe.
A re seo se motlhofo ka jaana ditanka tseo di sa lotlelwe mme motho a ka di bula a kgotlela metsi. A re ka jalo fa kopo eo e ka atlega koporase e ka seke e tsee boikarabelo fa metsi ao a ka kgotlelesega ka tsela nngwe.
Rre Letsatsi o ne a tlhomamiseditse makhanselara fa a tlaa isa kopo ya bone kwa bagolwaneng ba gagwe ka jaana e le lekgetho la boraro ba ntse ba kopa jalo mo khanseleng.
Metsana eo ya Kgesakwe le Matagatse ke e e kileng ya bo e le masimo mme ya tsenngwa mo metseng e e mabapi e le dikgotlana go ya ka molawana o mosha wa kabo ya lefatshe, mme ka jalo e tshwanelwa ke dingwe ditlamelo jaaka metsi.
Mo go tse dingwe, Rre Letsatsi o ne a tlhalosa fa metse ka bontsi e na le kgwetlho ya metsi kwa ditsheng tse disha ka jaana di le kwa ntle ga sekgala sa makgolo a mabedi a dimmithara se e leng sone seelo se kompone ya bone e ka atolosetsang metsi teng.
A re mealo ya diphaephe mo metseng ka bontsi ke ya bogologolo ya nako ya metse e santse e nosiwa ka metobetso ya morafe, mme ka jalo diphaephe tsa teng di le dinnye go ka tsaya metsi a mantsi goa gogela kwa ditsheng tse disha.
A re ka jalo metse ele mentsi e na le mathata a metsi kwa ditsheng tse disha ka jaana dile kwa ntle ga sekgala seo, mme a tlhalosa fa batla buisana le lekalana la bone lele dirang mealo gore ba bone ka fa baka thusanang ka teng.
Rre Letsatsi one gape a tlhalosa fa motse wa Maboane ga mmogo le wa Takatokwane ena le ditanka tsa metsi tse pedi tse di phatlalatsang metsi motse mongwe le mongwe fa wa Dutlwe ona le tanka ele nngwe.
A re tanka ya boraro ee mo motseng wa Maboane ke ee beeletsang metsi aa pompelwang kwa metseng ka boraro.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Digobo Ramathaosa o ne a kopile gore metsana ya Kgesakwe le Matagatse e nosiwe ka ditanka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : council meeting

Date : 22 May 2018