Makgalemele o rotloetsa mowa wa boipelego
22 May 2018
Mopalamente wa Shoshong e bile e le mothusa tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le kgodiso ngwao o gwetlhile banni ba Moralane, Kodibeleng le Otse go nna le mowa wa boipelego.
Rre Dikgang Makgalemele, o buile jaana mo diphuthegong tsa kgotla go lekodisa banni ka tse di dumalanweng ke palamente.
Rre Makgalemele a re go boammaruri puso e na le se e tshwanetseng go ba se direla mme le fa go ntse jalo, tiro e ntsi e mo maruding a bone go bona gore ba ka dira eng go itlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone.
O gwetlhile dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go thulanya dithogo go tswa ka ditogamaano tsa ka fa ba ka tlhabololang banana ba metse ya bone ka teng, go nyeletsa letlhoko la ditiro gammogo le go lwantsha dikgang tsa borukutlhi.
A re go na le dilo dingwe tse ba ka di itirelang e le morafe le dikomiti tsa ditlhabololo tse di sa tlhokeng gore ba ka lebelela mo pusong.
Rre Makgalemele a re ditlhabololo di tshwana le go agela bagodi le ba-na-le bogole matlwana a boiteketso ke dingtwe se ba ka di itirelang ntle le go kopa mo pusong.
O tlhalositse fa puso e rotloetsa gore batho ba dire gotlhe mo ba ka go kgonang go netefatsa gore ba tlhabolola matshelo a bone.
A re go na le mogopolo o o neng wa dumalanwa gore letsatsi le le lengwe mo bekeng le seegelwe fa thoko go ruta badiri ba Ipelegeng ka mananeo a mangwe a puso a ba ka a dirisang go tokafatsa matshelo a bone, go ba bula matlho go lemoga fa lenaneo la Ipelegeng e se lone lenaneo fela le ba ka itshetsang ka lone.
Rre Makgalemele a re mananeo a tshwana le nyeletso lehuma le LIMID a ka ba thusa go tswelela pele le go tlhabolola matshelo a bone.
Mo go tse dingwe, mopalamente o tlhaloseditse banni fa palamente e ntshitse tshutiso gore metse e e kgakala le ditlamelo jaaka ya bone e isediwe ditlamelo.
A re se se tlama dikomiti tsa ditlhabololo gore ba tswe ka ditlamelo tse ba bonang metse ya bone e tlhoka gore e di atumediwe, ka ntle le go dira jalo ba tlaa lomeletsa metse ya bone go akola mananeo a.
Rre Makgalemele o lekodisitse banni ka melao e e fetisitsweng kwa palamenteng jaaka wa matimela a re pele e ne e re fa kgomo ya letimela mong wa yone a ka e utlwalela kgwedi pele ga thekiso a bo go ile fela jalo a ka seke a e golole.
A re molao o fetotswe gore morui le fa a ka utlwalela kgomo ya gagwe letsatsi pele ga thekiso, o ka ya go e tsaya. O gwetlhile barui go tlhokomela leruo la bone a re fela jaaka ba ka seke ba latlhele dikete tsa dipula mo nageng ba bo ba nna ka pelo e tshweu, le leruo la bone le le tlhwatlhwa kgolo ba tshwanelwa ke go ithuta go le babalela.
A re palo e ntsi ya matimela e tshwentse puso mme a ikuela mo baruing go thusana le puso le go tsaya boikarabelo jwa leruo la bone.
O tlhalositse fa molao o mongwe o o fetisitsweng e le wa borukutlhi jwa maranyane le tiriso botlhaswa ya dikhomputara.
Rre Makgalemele a re go utswiwa ga batho ka tsietso ya maranyane ga mmogo le bogodu jwa go dirisa maranyane ke diemo tse di tshwenyang, ka jalo puso e bone go tshwanela go gagamaletsa batho ba ba inaakantseng le mokgwa o o maswe o molao.
A re seemo se sengwe se se tshwenyang ke go bega dikgang tse di masisi jaaka dintsho ka facebook jaaka tiragalo ya bosheng fa lesole le ne la tlhokafala mo kotsing ya sefofane fa go ne go baakanyediwa go ipelela letsatsi la masole.
A re ngongora e e duleng kwa go ba lelwapa la moswi fa Tautona a ba lekotse go ke gore pele ga ba latolelwa ngwana wa bone, ba bone pele mo Facebook mme se sa ba garola pelo mme a kopa banni go ikgapha mo ditirong tsa mofuta o. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 May 2018






