Breaking News

Tona o kopa tirisano mmogo go aga ngwana

22 May 2018

Mopalamente wa Serowe Bokone e bile e le Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Dr Pelonomi Venson-Moitoi o gakolotse banni ba Mabuo, Sehunou le Motshegaletau go nna le tirisano mmogo e e tiileng fa gare ga bone le barutabana.
Tona o ne a araba matshwenyego a banni kwa diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di tshwere kwa metseng eo.
 Banni ba ne ba supa fa ba tswenngwa ke go bo go santse go na le batsadi ba ba letlelelang bana go nna ba sa ye sekoleng.
Tona Venson-Moitoi o supile fa seemo se, se tlhoka go baakangwa ka bonako.
A re go tlhoka go tsena sekole ke tatlhegelo e kgolo ya bokamoso jwa ngwana le lefatshe ka kakaretso, mme a supa fa maikaelelo a puso e le go bona ngwana mongwe le mogwe a bona thuto.
 Dr Venson-Moitoi o kopile bogogi jwa thuto go dirisana le batsadi, go bona gore bana ba tsena mo tseleng.
Tona o ne a gakolola banni fa ikwadisetso ditlhopho e tlaa bulelwa go tloga Lwetse go fitlha Ngwanatsele mme e tlaa dirwa gangwe fela go sena poeletso.
 “Le na le thata ya go tsaya tshwetso ya gore le batla go busiwa ke mang, ka jalo go botlhokwa gore le ikwadise gore le tle le kgone go tlhopha,” a bua.
Tona o lebogetse banni ba metse eo karolo e kgolo e ba e tsereng go laela Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama.
“Ke rata go le lebogela tiro e ntle, lerato le le tona le le neng la le supa fa le laela tautona wa lona fa a tlogela tiro.”
Fa ba akgela, banni ba supile fa kgotla ya bone e okeditswe maemo, jalo ba kopa mokwaledi.
 Ba supile gore ka ntlha ya letlhoko la mokwaledi, dikgang ka bontsi di santse di saletse kwa morago.
Ba kopile go baakanyediwa tsela ya Mabuo le Moiyabana, ba supa fa gantsi bana ba dikole ba retelelwa ke go ya sekoleng ka nako tsa dipula.
Banni ba kopile gape go etelwa ke ba lephata la Omang, ba supa fa bontsi go tswa dipolasing tsa Sandveld ba sena dikarata tsa Omang le gore bontsi dikarata tsa bone tsa Omang di fedile mme ga ba na ditsonpelo go ya go ba shafatsa kwa Serowe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 May 2018