Maele o akgola komiti ya motse
21 May 2018
Mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele o akgotse komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Lerala bokone go bo e file ba lelwapa la ga Rre Bolelang Motlaleng seriti ka go ba agela ntlo.
Fa a bula ntlo eo semmuso bosheng, Rre Maele o akgoletse komiti eo go bo ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko o o rotloediwang ke puso. O kgothaditse komiti eo go tswelela ba supa kutlwelobotlhoko mo banning ba Lerala mme a leboga go bo ba tsibogetse letlhoko la mongwe ka bone.
A re puso e le nosi ga e kake ya kgona, ka jalo seabe sa Batswana se botlhokwa go thusa bangwe ka bone mme a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo eo.
O ne a kopa Rre Motlaleng go tlhokomela mpho e a supa fa a nnile sego gare ga bontsi jo bo kwa Lerala jo bo tshwanang le ene ka seemo sa itsholelo.
Rre Maele yo o nnileng le seabe mo go thuseng VDC go aga ntlo eo, o itlamile go thusa komiti ka P1 000 go rekela Rre Motlaleng dijo. Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Palapye, Mme Kelebogile Gaotingwe o akgotseletse komiti tiro e.
A re se ba se dirileng se tsamaelana le lenaneo la tlhabololo magae le le ka fa tlase ga lephata la boipelego.
Mme Gaotingwe a re keletso ya gagwe ke gore dikomiti tsotlhe tsa ditlhabololo, tse di mo metseng e e mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala di tsee malebela mo tirong e. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Lerala Bokone, Rre Keitumetse Baitlhomi a re komiti ya gagwe e ne ya bona go le maleba gore ba tsenye letsogo mo ditirong tsa motse jaaka ba ne ba neela ba lelwapa la ga Rre Motlaleng mpho.
A re morago ga go lemoga itshololelo e e kwa tlase ya lelwapa la ga Rre Motlaleng, ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba tswa ka mogopolo wa go thusa puso go agela motlhoki yoo bonno jo bo rileng. O tlhalositse fa komiti ya gagwe e ne ya dira ditlhabololo tsotlhe tse di mo jarateng morago ga go fitlhela jarata eo e le mo legoeleleng.
A re go ne go se motlhofo go aga ntlo e mme a lebogela gore kwa bofelong, ba kgonne go e fetsa.
A re Rre Motlaleng o ne a sena fa a bayang tlhogo teng ka jalo ba ne ba bona go le botlhokwa go potlakela seemo sa gagwe ka a ne a felela a tsenwe ke Malaria ntateng ya go robala kwa ntle.
O lebogile ba-na-le seabe mme a kopa kemo nokeng ya banni ba Lerala, bogolo jang mo ditirong tsa kutlwelobotlhoko.
A re ba itlama go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego. Fa a amogela ntlo eo, Rre Motlaleng o ne a itlama go e tlhokomela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : LERALA
Event : Pulo semmuso
Date : 21 May 2018






