Lephata le tlaa isa ditirelo kwa bathong
21 May 2018
Lephata la pereko, papadi le madirelo le tlaa tshwara diphuthego tsa kgotla ka maikaelelo a go anamisa ditirelo tsa lone.
Diphuthego tseo di tlaa simolola mo kgaolong ya Okavango mo Ngamiland mme di tsamaye le mafelo a mangwe a lefatshe leno.
Se se tlhomamisitswe ke tona wa lephata leo, Mme Bogolo Kenewendo fa a ne a buisa badiri ba lephata la gagwe mo Maun bosheng.
Badiri Ba, ba akaretsa ba lephata la gagwe ba puso le ba maphata a a ikemetseng.
O ne a itsese badiri ka maikaelelo a gagwe a go godisa lephata leo gore le tsweledise go ntsha maduo le go kgotsofatsa ba ba amogelang ditirelo.
Mme Kenewendo o lebogetse dikakgelo tsa badiri ba lephata leo ba ba neng ba tseneletse phuthego, a re go botlhokwa go isa lephata kwa bathong ka seo se ka ba thusa go itse gore a Batswana ba ba mo dikgaolong ba akola mananeo jaaka ba ba mo mafelong a a tlhabologileng jaaka Maun.
O tlhalositse fa go ka thusa lephata go tlhabolola maikemisetso a lone a go tlhaloganya gore Batswana ba inaakantse le mefuta efe ya dikgwebo le fa go tlhaelang teng.
E ne ya re ba akgela, Rre Agripah Hengari go tswa lekalaneng la Local Enterprise Authority mo Maun a bua fa go le botlhokwa go isa lephata kwa bathong, bogolo jang kwa dikgaolong. Rre Hengari o ne a supa fa go na le tlhaelo ya kitso ka lephata, bogolo jang mo dikgaolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Diphuthego
Date : 21 May 2018






