Morafe wa Mmakgori o ngongorega ka dipompo
21 May 2018
Banni ba Mmakgori le Leporung ba kopile tona wa lephata la di-tswa mmung, boranyane jwa pabalelo tikologo le tlhomamiso tsa kgotetso, Rre Eric Molale go ba thusa ka ba tlhoka metsi.
Ba tlhalositse se bosheng fa Rre Molale a buisa phuthego ya kgotla kwa metseng eo.
Ba re kompone e e agang tsela ya Elsamex, e thuba dipompo tsa metsi, ka jalo se se felela se tsenya metse e mo letlhokong la metsi.
E rile a tsibogela dingongorego tsa bone, Tona Molale o boletes fa a tlhaloganya seemo sa bone, mme a kopa kompone ya metsi go rulaganya bokopano le ba ba dirang tsela gore ba bone gore go ka dirwa jang.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba ngongoregela bogodu jwa leruo, ba tlhalosa fa leruo la bone le feletse kwa Afrika Borwa.
Ba boletse fa ba sa jesiwe diwelang ke terata e e nnang e utswilwe, ba tlhalosa fa tsela ya molelwane le yone e tlhoka go baakanngwa ka e medile tlhaga, ka jalo ba ba maleba ba sa kgone go tlhokomela molelwane sentle.
Ba kopile Tona Molale gore go okediwe mapodisi kwa molelwaneng go itebaganya le dikgang tsa bogodu jwa loruo.
Tona Molale o ba gakolotse gore go botlhokwa gore ba dirisanye le bodirelapuso mo motseng.
O buile fa neelano e le botlhokwa, mme a tlhalosa gore ga a jesiwe diwelang ke ba ba santseng ba sa tseye mananeo a puso.
O kgothaditse Barolong go tsaya mananeo, gore ba kgone go itlhabolola, mme a kgothatsa bodirelapuso go nna le bokopano mo metseng gore ka nako tsotlhe dikgang tse di amang batho ba kgone go di tsibogela ka pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : MMAKGORI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 May 2018






