Motsadi o arabela botsogo jwa ngwana
21 May 2018
Morutabana wa tsa bogakolodi wa sekole sa Tshwaragano Junior Secondary, Mme Annah Galethata o gakolotse batsadi fa botsogo jwa ngwana e le boikarabelo jwa batsadi boo-bobedi.
Mme Galethata o buile jaana kwa ipelelong malatsi a botsogo jwa ngwana a a neng a tshwaretswe kwa kokelwaneng ya Shashe Motsheganong a le lesome le bosupa mo Maun.
O ne a tlhalosa fa ipelelo malatsi a botsogo jwa ngwana e simolotswe ke mafatshe a a kwa botlhaba le borwa jwa Afrika go leka go thibela malwetse le go fokotsa dintsho tsa bana tse di bakwang ke malwetse ka go farologana.
O ne a re fela jaaka lokwalo lwa Dipesalema 27 le tlhalosa fa ngwana e le mpho e e tswang Modimong, a gakolola batsadi go ipela le go itumelela ditshegofatso tse ba di filweng ke Modimo.
Mme Galethata a re sengwe le sengwe se batsadi ba se dirang e nne se se bolokang matshelo a bana jaaka go tlhapa diatla pele ba fepa bana, go sala ditaelo tsa ba bongaka morago ka melemo ya bana e ba e fiwang kwa bookelong le tse dingwe.
Mme Galethata o gakolotse fa itshireletso e tshwanetse go tla pele, ka jalo a kopa batsadi le botlhe ba ba nnang le bana go tila go tlodisa bana mekento le go ba isa sekaleng ka go thusa go latedisa kgolo ya ngwana.
O kopa batsadi go tsaya dithuto le dikgakololo tsa ba bongaka ka tlhoafalo gore di kgone go ba tswela mosola mo kgodisong ya bana.
Mogakolodi wa tsa dijo wa sepatela sa Letsholathebe Mme Letlhogonono Gabanamotse o tlhalositse fa mashi a lebele a le botlhokwa thata, segolo jang mashi a ntlha a kgatsele ka gonne a sireletsa bana mo makoeng.
Mme Gabanamotse o ne gape a rotloetsa kamuso ka lebele a re e mosola ka gonne e dira kgolagano e e tiileng gareng ga ngwana le mmaagwe.
O ne a gakolola batsadi go neela bana dijo tse di nang le dikotla tsotlhe jaaka dijo tse di nang le merogo, maungo, dinawa le go ba nosa mashi le fa ba kgwisitswe lebele.
Mongwe wa batsadi ba ba neng ba tseneletse ipelo eo, Rre Peter Motswaiso o ne a lebogela melaetsa ya letsatsi a bo a gwetlha borre ka ene go tshwaraganela tlhokomelo ya bana le bomme, a tlhalosa fa ngwana e se wa ga mmaagwe a le nosi.
Rre Motswaiso o tlhalositse fa go se thata go tlhokomela ngwana e le wa gago, a supa fa ene a itemogetse seo morago ga go tlhokafalelwa ke mosadi a mo tlogelela losea la kgwedi tse thataro.
O ne a tlhalosa gore tlhokomelo ya bana ga se go ba rekela dijo fela.
A re e le borre ba ka thusa bomme ka go tlhapisa bana, go ba isa sekaleng kana go ba apeela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepo Botshelo
Location : MAUN
Event : ipelelong malatsi a botsogo jwa ngwana
Date : 21 May 2018






