Ba Palamaokue ba lela ka lenyora
21 May 2018
Balemi- barui ba masimo a Palamaokue ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Kgotla Autlwetse go ba thusa go bona gore sediba sa bone se a gokelwa ka ba tsamaya sekgala go bona metsi.
Banni ba masimo a, ba buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa masimong a bone ka Laboraro.
Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Tebogo Machoro a re mo bogompienong ba nwa mo matamong a a nosang leruo, selo se a reng ga se a ba siamela.
Modulasetilo o supile fa kgaolo ya bone e babaletswe ke leuba.
A re ba bone sediba sengwe se se kileng sa diriswa bogologolo mme ba isitse kopo kwa go ba ditsha kwa Paje gore a ba ka seke ba se fiwe.
Rre Machoro o tlhalositse fa go na le ketsaetsego ya gore ba wela kae ka bangwe ba bone ba phaka peo kwa Paje fa bangwe ba phaka kwa Serowe.
A re ba thusiwa ke bakenti ba Serowe, ka jalo a re go botlhokwa go itse gore tota ba wela jang kwa Paje ntswa bone ba itse e le ba kgotla ya Swaneng.
Fa a mo tlatsa, Rre Dithapelo Baliki o lebogetse gore ba bone tsela ka lenaneo la namola leuba mme a tlhalosa fa e ise e fele ka mabaka a a farologaneng jaaka go tlhoka kutlwisisano le go farologana ka megopolo.
Banni ba ne ba lela ka mogotlha, ba tlhalosa fa o le kwa sekgweng mme se, se rotloetsa bogodu ka fa gongwe ba fitlhela meswang e ba sa itseng gore ke ya bomang, ba kopa gore go sekasekwe selo se thata go bonwe lefelo le le ba siametseng.
Fa a ba kgwa dikgaba, mopalamente wa Serowe Bokone, yo gape e leng mothusa tona wa dikgaolo le tlhabolola magae, Rre Autlwetse a re ba itlamileng gore ba tlaa thusa go gokela sediba se ba se boneng fa e le gore ditshekatsheko di ka supa fa se na le metsi.
A re keletso ke gore Batswana ba tswe mo metsing a matamo ba lebe didiba dingwe tse di kileng tsa epiwa ke puso le bangwe go nosa batho.
A re metsi a matamo a ama le tsone diphologolo e be di feletse e le tsa boleng jo bo kwa tlase ntateng ya one metsi a, a a bakang le bolwetse jwa mabele.
Rre Autlwetse a re go a tshwenya gore go bo go santse go sena matlwana a boithomelo kwa masimo.
A re fa pula e na, e gogela leswe lotlhe kwa tamong. A re tebego le monko wa metsi a, e a tshwenya mme a ba kgothatsa go aga matlwana.
A re tsholofelo ke gore mo bogautshwaneng kgang ya sediba sa bone e bo e rarabologile go bona gore ba na le metsi a a siameng a bo a supa fa puso e itlamile go dira ditsela mo masimong ka e le yone e ba gokaganyang le marekisetso.
Rre Autlwetse o supile fa seemo sa ditsela se tshwenya.
A re Serowe ka kakaretso ga a tsamaege.
Gore ba wela kae, mopalamente a re e rile go segwa melelwane, bontlha bongwe jwa Monokela jwa wela kwa Paje.
A re lekoko le sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi morago ga ngwaga tse some.
A re go a tle go diragale gore molelwane o tsene motse ka bogare mme le fa go ntse jalo, se ga se rontshe batho kgotla ya bone.
Rre Autlwetse a re ka sepolotiki, bangwe ke ba Paje fa bangwe e le ba Swaneng mme a ba gakolola go tsaya se ka tlhoafalo go itsa go kgotlela ditlhopho, ka motho a sa letlelelwe go tlhopha kwa kgaolong e e seng ya gagwe.
Moitseanape kwa lephateng la tsadiso le tlhabololo leruo, Mme Keorapetse Makgabana o ne a tsaya kgang ya mogotlha mofago, go bona gore banni ba ka thusiwa jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : PALAMAOKUE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 May 2018






