Leshomo ke kgosi kwa Malokaganyane
21 May 2018
Kgosi Joseph Leshomo wa Malokaganyane o lebogile magosi le botsadi jo bo neng bo eme nokeng peo ya gagwe ya go nna kgosana ya Malokaganyane.
Kgosi Leshomo o tlhalositse fa a itse gore bogosi ke maemo a a nang le tiro e e seng motlhofo, mme a solofetsa morafe gore o tlaa tshwaragana le bagolo ba motse le morafe go tsisa ditlhabololo.
O buile jaana fa a ne a bewa kgosana bosheng, mme o tlhalositse fa a itse gore go na le diteko tse di ntsi, mme o ikemiseditse go dira ka natla go itebaganya le tsone.
Kgosi Leshomo o supile fa Malokaganyane a santse a le kwa morago ka ditlhabololo, ka jalo o ikaelela go di kgarametsa, segolo jang sekole se sebotlana.
A re bana ba tsena dikole tse dipotlana kgakala kwa Dinatshana, Pitsane le Photlhokwe.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, a tlhalosa gore mananeo a a tlang ka one go tlhabolola motse a akaretsa go koleka dikgetsi tsa semente ga morafe gore go agwe matlwana tsa borutelo.
Le fa go ntse jalo, Kgosi a re ga a jesiwe diwelang ke banana ba ba gogang dinao go tsaya mananeo a puso.
O papamaditse fa tlhabologo ya motse e retela ka ntata ya gore banana ba ikganelela kwa ditoropong, mme e le bone ba ka thusang go tlhabolola metse.
O supile fa ba leka go ngoka banana le go ba tsaya tsia ka go dira metshameko mo motseng.
Kgosi Leshomo o itlamile gore o tlaa dirisanya le kgosana Goitsemodimo Sedietso yo a ntseng a mo tshwareletse setilo, mme a supa fa a tlaa tsaya dikgakololo mo go ene.
E rile a ntsha dikgakololo tsa gagwe, Motshwarelela bogosi jwa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare o ne a akgola Kgosi Sedietso go bo a ne a tshwareletse Kgosi Leshomo setilo ka bonatla, gape go rena kagiso.
O sedimoseditse Kgosi Leshomo gore go busa morafe wa segompieno go tla ka diteko tse di farologanyeng, jaaka go latlhegelwa ke ngwao le tiriso ya bojalwa.
O kgadile kapei ya majalwa mo malwapeng ka jaana e le nngwe ya mathata a a mo motseng wa Malokaganyane le metse e mengwe mo kgaolong ya Morolong.
O gakolotse ka botlhokwa jwa go ikitse le go itse botsadi le bogosi.
“Kgosi e nna ngwana wa ntlha wa kgosi e seng bomonnawe, borangwane ba tshwarelela fela fa ngwana wa kgosi a le monnye,” a tlhalosa.
Kgosi Motshegare o gateletse gore ngwao ke selo se se botlhokwa, ka e fa motho ditso, kitso le motlhala wa kwa a tswang teng.
A re bogosi ke jone botshegetsi le botsweledisi jwa ngwao, mme o gakolotse morafe go nna podi-matseba ka gore ngwao e kgona go tlhabologa, bogolo jang ka gore merafe e a kopakopana.
E rile a kgothatsa, Kgosi Spokes Gaborone go tswa Tlokweng a kopa Kgosi Leshomo go dirisanya le maphata otlhe a puso le mekgatlho jaaka VDC, banana le magosi a mangwe.
O kopile Kgosi go gakolola banana ka bodiphatsa jwa go rekisa ditsha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tefo Kgaodi
Location : MALOKAGANYANE
Event : Peo ya kgosi
Date : 21 May 2018






