A bana ba nne phepa - Mogokgo
21 May 2018
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Grace Kgari, Mme Letshidile Kokoro o kgothaditse batsadi go netefatsa gore bana ba phepa le gore ba dira tiro ya sekole ka dinako tsotlhe.
Mogokgo o buile jaana kwa bokopanong jwa batsadi le barutabana Motsheganong ale lesome le bosupa kwa Serowe a re go a tshwenya gore e re le fa bontsi jwa batsadi e le banana, bana ba bo ba ya sekoleng ka leswe.
O ngongoregetse go tlhoka go tsena diphuthego tsa sekole ke batsadi ntswa ba tshwanetse go tshwaraganela bana.
Mme Kokoro a re sekole se na le dikgwetlho di le mmalwa tse di tlhokang go tshwaraganelwa le batsadi, a re mo bogompienong bana ba santse ba tsenela ka fa tlase ga ditlhare, selo se a reng se ngomola pelo, bogolo jang mariga.
A re ka tlholego, sekole sa Grace Kgari se ne se felela ka mophato wa botlhano mme gompienong se tsaya go fitlhelela ka lekwalo la bosupa mme se, se bake tlhaelo ya matlo a borutelo.
Mogokgo a re letlhoko la ditsompelo le ba paledisa go fitlhelela maduo a ba a eletsang a tlatsa ka go re le fa Batswana ba itsege ka mowa wa go ipelega, seo ga se kgonagale ka batsadi ba le thata go thusa sekole.
Mme Kokoro a re fa e sale khansele e emisa badisa dikago, bana ba tlhagela mo sekoleng ba bo ba tsaya dibuka tsa sekole le dirisiwa tse dingwe.
“Fa o bona ngwana a tla a rwele dilo tse o sa di itseng, latisisa go bona gore ngwana o di tsaya kae. Tsibogelang selo se ka se ka gola le ngwana a felela a dira mo go golo jaaka go thuba marekisetso,” Mme Kokoro a tlhalosa.
Rre Sefane Phuthego, yo e leng monni wa Serowe, o ne a tswa sekole seo thuso ka go se abela dibuka di le P5 000.
Rre Phuthego a re puso ka nosi e ka se ke e kgone go direla setshaba dilo tsotlhe. A re go botlhokwa gore batho ba tsenye letsogo go e imolola morwalo.
“Puso ga e na madi, ka jalo boikarabelo jwa rona re le batsadi bo a tlhokega,” Rre Phuthego a tlhalosa.
Rre Phuthego o rotloedise batsadi go sala ditiro tsa bana morago, bogolo jang ka bontsi jwa batsadi bo tsene sekole e bile ba itse botlhokwa jwa thuto.
A re go a tshwenya gore fa mauduo a tswa a sa itumedise batsadi ba bo ba supa mogokgo ka menwana ba sa lebe seabe sa bone.
Mokhanselara wa Mokwena, Rre Atamelang Thaga a re sekole sa Grace Kgari se tlaa agelwa ntlo ya borutelo jwa bananyana mo mading a a filweng kgaolo ya bone.
A re thendara e setse e dule go shwafatsa sekole.
Rre Thaga yo e leng mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Serowe, a re ba itse ka tlhaelo ya matlwana a borutelo kwa sekoleng seo, a re se se tlaa arajwa nako e madi a tlaa bonalang.
Kgosi Sechele Kgari wa Kgotla ya Mokwena o lebogetse mpho ya ga Rre Phuthego le go rotloetsa batsadi go tlhagafalela dipitso tsa sekole.
A re ba ka seke ba bone dimpho tsa go nna jaana fa ba goga dinao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : SEROWE
Event : Bokopano jwa batsadi le barutabana
Date : 21 May 2018






