Khansele e rotloetsa theko ya ditanka tsa matlakala
20 May 2018
Ba botsogo jwa tikologo mo khanseleng ya Kgatleng ba tlhalosa fa ba gatetse pele ka lenaneo la go tseela setshaba matlakala mo malwapeng e bile ba tsweletse ka go rotloetsa banni go nna le ditanka tsa matlakala mo malwapeng.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa botsogo jwa tikologo, Rre Thabo Lesejane o ne a tlhalosa fa ba fitlheletse lenaneo la go tseela setshaba matlakala mo malwapeng mme a re ba ka kgotsofala fa malwapa otlhe a ka felela a atlile tirelo eo.
Rre Lesejane o ne gape a gatelela fa setshaba se tshwanetse go ithotloetsa ka jaana ditirelo tsa bone tsa go tsaya matlakala mo malwapeng di le tlhwatlhwa tlase ka jaana madi otlhe a ngwaga e le P150 go kopantswe madi a theko ya tanka le tlhwatlhwa ya go tseelwa matlakala beke le beke.
O supile fa tirelo e nngwe e batho ba sa e diriseng thata e le ya go hirisa sekipi go olela matlakala a mantsi a tshwana le a ditlhare a tlhwatlhwa ya teng e leng P45.
A re ba dira maiteko a gore setshaba se tseelwe matlakala beke le beke, a tlatsa ka go re ba bereka le ba dikompone tse di ikemetseng e le tsela ya go fefosa tirelo eo le go netefatsa fa ba direla setshaba ka bonokopila.
Rre Lesejane a re khansele e rotloetsa setshaba go ithekela ditanka ka jaana ba atle ba itemogele kgwetlho ya madi e e ba itsang go di reka ka bontsi.
A re setshaba se tshwanetse go etela diofisi tsa botsogo jwa tikologo go botsa le go itseela dikgang ka botlalo gammogo le go ithuta ka ditirelo tsa bone.
O supile matshwenyego a gore batho bangwe ba tshubela matlakala mo ditankeng tseo.
A re go dira jalo ga go a siama ka e bile go tshuba matlakala e le molato o motho a ka o otlhaelwang.
A re batho ba go nna jalo ba dirwa ke go tlhoka go duela ditirelo tsa go tseelwa matlakala, a tlatsa ka go re nako ya go fetola mekgwa le tsamaiso e tshwana le ya go tshuba matlakala le go leswafatsa tikologo e fitlhile.
Rre Lesejane o supile fa go nna le ditanka tsa matlakala e bile di duelwa sentle go ka fokotsa diemo di tshwana le go gasagasa matlakala le gone go a baya mo ditseleng ga mmogo le go tshuba matlakala mo malwapeng.
A re go a swabisa go bo batho bangwe ba santse ba tshuba matlakala ntswa ba na le ditanka, seeemo se a rileng se tsenya matshelo a batho mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse le gone go kgotlela phefo.
O kaile fa ba tshwenngwa gape ke seemo sa go latlhwa ga matlakala mo go seng ka fa molaong mme a gatelelela fa ba na le ditirelo tse di maleba e bile di le tlhwatlhwa tlase go thusa go tsaya selekanyo sa matlakala otlhe a motho a batlang a ka tsewa.
A re setshaba se ka ikuela kwa diofising tsa bone fa ba na le dingongorego mabapi le dikgang tse di amanang le botsogo jwa tikokologo di akaretsa go tshujwa ga matlakala mo a rileng setshaba se ka ikuela gape le kwa mapodising ga mmogo le ba Green Scorpion ba le bone ba nang le dithata tsa go diragatsa melao e e amang tikologo.
Kwa bokhutlong, Rre Lesejane o ne a gwetlha setshaba go tsaya tsia dikgang tsa botsogo jwa tikologo, tshireletsego ya yone le gone go tsaya ka tlhoafalo dithuto le mananeo a ofisi ya gagwe, le go tsaya karolo mo malatsing a a seegetsweng fa thoko a tshomarelo tikologo a tshwana le letsatsi la mafatshefatshe la tikologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 20 May 2018






