Breaking News

Tautona o lekola Batswana kwa eSwatini

20 May 2018

Tautona Mokgweetsi Masisi o lekodisitse Batswana ba ba nnang kwa eSwatini fa puso e ikaelela go dira diphetogo dingwe ka bofefo tse di tlaa dirang gore itsholelo e tokafale.

A re puso e ikaelela gore e ngoke e bo e amogele babeeletsi go leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa matshelo a Batswana ka kakaretso.

O buile jaana fa a buisa kokoano ya Batswana ba ba neng ba tshologetse go tla go mmona le go botsana matsogo kwa toropong kgolo ya eSwatini, Mbabane bosheng mo loetong lwa gagwe jaaka a tsweletse go ipegela bo tautona ba mafatshe a lwkgotla la borwa jwa Afrika (SADC).

Tautona o nnile le sebaka sa go ba itholela le go ba itsese semmuso gore fa a sena go tlhongwa semmuso, o ne a dumelana le ba phathi ya gagabo go tlhoma Rre Slumber Tsogwane go nna mothusi wa gagwe, mme a ikanisiwa semmuso kwa Palamenteng le gore mokwaledi wa gagwe yo  mogolwane yo o faphegileng ke Rre Bezark Maphakwane.

A re puso e ikaelela go loga maano go leka go tlhama mebereko gore Batswana ba ba sa berekeng le bone mo isagong ba kgone go oba letsogo.

Tautona Masisi o boletse fa puso mo nakong e e sa fediseng pelo, e tlaa rerisa Batswana le go tsaya megopolo ka fa go ka tokafadiwang botshelo ka teng.

Dingwe tsa dikgang tse a buileng ka tsone ke gore puso e tlaa rerisa Batswana ka go loga maano a gore go tokafadiwe mabaka a gore babeeletsi ba kgone go tlhama mebereko, a bolela fa ba le bantsi ba meletsa Botswana mathe.

A re mebereko ga e tlhamiwe ke puso e le nosi, se puso e ka se dirang ke gore ditsetlana dingwe tse di kgoreletsang babeeletsi di tokafadiwe.

A re puso e tsere tshwetso ya gore e buisanye ka dikgang tse di tshwenyang Batswana ba le bantsi tse di amang dikgwebo tsa go rekisa bojalwa gore go ka dirwa jang gore bo nowe sentle, matshelo a batho le dithoto di babalesegile.

“Re ya go dira se, re sa tswe tshaba ya matagwa. Re tlaa buisana le Batswana ba ba ratang maitiso gore go ka dirwa jang gore ba bine ba gololesegile mme ba sa kgoreletse ba bangwe,” Tautona Masisi a tlhalosa.

Tautona o boletse fa puso e ikaelela go buisana ka tse di amang matshelo a diphologolo le batho ba ba nnang kwa dithoteng tsa diphologolo jaaka bokone jwa lefatshe leno.

A re puso e tlaa sekaseka gore go ka dirwa jang gore batho ba tshele sentle le diphologolo, di sa ba senyetse e bile di sa tsenye matshelo a bone mo diphatseng ka jaana go nnile le dipego di le dintsi tsa go tlhoka go tshedisana sentle ga diphologolo le batho, segolo bogolo ditlou.

“Re le puso re tlaa sekaseka gore jaaka re ntse re emisitse  diteseletso tsa letsomo, a ke go bulelwe, mme fa go bulelwa go fokodiwe fa kae, go dira gore dilelo tsa Batswana di fokotsege,” Rre Masisi a supa.

Tautona a re melawana ya diteseletso ya tsa pereko e tlaa tlhofofadiwa gore go ngokwe bagwebi ba ba ka tlhamelang Batswana ditiro.

Fa a latlhela la gagwe, tona wa tsa mafatshe a sele, Rre Vincent Seretse o rotloeditse Batswana go nna sekao sa Botswana fa ba le mo mafatsheng a sele.

A re ba seka ba ithontsha ditshwanelo tsa Botswana jwa bone mo dilong di tshwana le go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba.

Kgosi Puso wa Batlokwa, yo o neng a le mo lekokong le le neng le patile Tautona, o boletse fa more mogolo go betlwa wa taola.

A re Batswana ba ba nnang kwa ntle ga lefatshe ba tshwanetse go nna sekao ka jaana ke bone ba ka supang botho jwa Batswana le go tshegetsa ngwao, e seng go kopisa dingwao tsa ditshaba disele.

Moemedi wa Batswana ba ba nnang kwa eSwatini, Mme Semakaleng Mthethwa yo o nyetsweng teng, o boletse fa ba santse ba tsogile mme a supa fa a itumeletse go tlhongwa ga ga Tautona Masisi thata le khudu thamaga ya gagwe.

O galaleditse Tautona Masisi le Mme Neo Masisi a re maiteko a go ba lekola ke sekao sa gore o a ba kgathalela.

Modiro o, o ne o rulagantswe ke moemedi wa lefatshe la Botswana kwa South Africa le mafatshe a mangwe, Rre Zenene Sinombe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : MBABANE

Event : Tekodiso

Date : 20 May 2018