Breaking News

Kgosi o rotloetsa banni go tsaya mananeo ka tlhoafalo

20 May 2018

Kgosi wa kgotlana ya Molosiwa mo Mosweu, Rre Commet Baitlhapi o kgadile mokgwa wa banni ba motse oo wa go sa tseyeng mananeo a nyeletso lehuma ka tlhoafalo.

Rre Baitlhapi o boletse mo potsolotsong le BOPA bosheng fa a lemogile fa bontsi jwa banni ba tsaya mananeo a ba ise ba ithulaganye gore ba batla go dira eng le gore ba ya go dira jang gore ba bone dipoelo.

A re dipalo di supa fa banana ba motse ba amule go le gontsi mo lenaneong la nyeletso lehuma, sebe sa phiri e nne gore ga ba a tshwarelela mo go tse ba di filweng gore ba tle ba inamole mo lehumeng.

O ne a kaya fa bontsi bo boetse kwa go berekeng mo Ipelegeng ntswa ba ne ba filwe tsotlhe tse ba neng ba ka di dirisa go itshimololela dikgwebo, mme e re morago ba thape bangwe ka bone.

Rre Baitlhapi o file sekai ka lenaneo la go apaya borotho, a re le ka bo le tswetse banni mosola ka ba dimausu ba reka borotho kwa ntle ga motse.

O ne a tlhalosa gape gore dimausu le ditshingwana tsa morogo tse bontsi ba neng ba di bone ka lenaneo le di phutlhame mo go tlhabisang ditlhong.

Le fa go ntsse jalo, o ne a akgola ba ba kgonneng go lemoga bomolemo jwa lenaneo le mme ba le tsaya ka tlhoafalo.

O supile fa go na le boitseme jo bontsi mo motseng, a kaya fa bontsi ba filwe tshotlhe tse di tlhokafalang mme jaanong go sa tswe maduo.

Rre Baitlhapi o kgadile mokgwa o o dirwang ke bangwe wa go tsaya dipudi tsa LIMID mme ba di disetse mo malwapeng.

A re seo ke go supa fa motho a tseneletse lenaneo le a sena ponelopele.

O ne a gakolola banni gore ba dirise mananeo a go leka go tsisa ditlamelo tse di seyong mo motseng ga mmogo le go itshetsa.

O ne a rotloetsa mowa wa bojammogo mo banning, a kopa ba ba kgonneng go dirisanya le ba ba iseng ba bone sepe gore le bone ba kgone ba tswelele ka tse ba di itshimololetseng ba santse ba letile thotloetso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Juliah Kotlhao

Location : MOSWEU

Event : Potsolotso

Date : 20 May 2018