Breaking News

Kgosi o rotloetsa morafe go palama terena

20 May 2018

Banni ba Taung ba kgothaditswe go dirisa terena, go fokotsa mosuke wa tsela ya Gaborone-Boatle mo mosong le maitseboa.

Fa a bua mo tekodisanyong le morafe kwa Taung bosheng, mopalamete wa Ramotswa, Rre Samuel Rantuana o ne a supa fa ba ne ba bona go le matshwanedi go kopa terena mo go ba Botswana Railway.

O tlhalosa fa batho ba sokola fa ba ya ditirong mo mosong le maitseboa, lebaka e le go ema nako e telele ka go bo go dirwa tsela ya Gaborone-Boatle.

Rre Rantuana a re terena e thusa bapagami go goroga ka nako kwa dirong le gone go fema dikotsi mo tseleng.

O ne a supa gore fa terena e simolola go tsaya batho mo Taung, dipalo e ne e le tse di kwa godimo ka gore banni ba ne ba itumeletse terena, mme mo bogompienong di fokotsegile.

Banni ba ne ba supa fa dipalo di fokotsegile ka go bo go le mariga, ba tlhoka dipalamo tse di ba isang kwa malwapeng fa ba fologa terena, mme seo se dire gore ba ralale mafifi.

Mopalamente o ne a kopa banni gore batle ka megopolo le maano a a ka dirisiwang gore terena e tswelele e tsaya bapagami ka e fokotsa mosuke.

O ne a kopa morafe go buisanya le beng ba dipalamo tsa setshaba go rulaganya le ba Botswana Railways gore ba kgone go tsaya bapagami kwa maemelong a terana.

Mo go tse dingwe, Rre Rantuana o ne a supa fa go le botlhokwa gore go nne le diofisi tsa mapodisi mo Taung ka go bo motse o setse o godile.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Lebogang Masie o ne a supa fa go na le ditsela tse di fa gare ga motse tse di senyegileng.

Kgosi Masie o ne a tlhalosa fa ditsela tseo di ka baka dikotsi , mme seo se baya morafe mo patikegong. O ne a supa fa go sena dipone mo motseng, mme seo se dira gore borukutlhi bo nne bontsi.

Mo go tse dingwe, kgosi o ne a gwetlha batsadi gore ba atamele barutabana go tshwaraganela le bone thuto ya bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gogontle Sanka

Location : TAUNG

Event : Phuthego

Date : 20 May 2018