Tona o tshwenngwa ke tiriso ya ditagi
20 May 2018
Tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Patrick Ralotsia a re o tshwentswe ke tiriso ditagi mo bananeng.
O buile jaana mo phuthegong ya Kgotla kwa Ranaka bosheng.
Tona a re fa a tsweletse ka maeto a gagwe a lekola Batswana, barutabana ba mmoleletse fa ba tshaba baithuti ka gore ba dirisa ditagi ka bontsi e bile ba ba tshosetsa matshelo.
Tona o boletse fa barutabana ba tshaba baithuti gape ka gore batsadi bangwe ba nna bogale fa bana ba kgalemelwa.
A re bontsi jwa batsadi ba ya sekoleng go omanya barutana fela fa bana ba bone ba sena go kgalemelwa le go otlhaiwa ke barutabana, a supa fa se se sa siama.
Tona o boletse fa bontsi jwa banana ba latlhegetswe ke matshelo ntateng ya ditagi.
A re ditagi tse, di dira gore banana ba tlhoke le jone botho ka jaana ba di gogela gongwe le gongwe, bogolo jang kwa mafelong a tshwana le manyalo, diphitlho le mo dikerekeng.
Rre Ralotsia, yo o bileng e le mopalamente wa Kanye Bokone, a re ditagi di setse di tsere phekelo e sele ka jaana di ama le tsone ditlhaloganyo tsa baithuti.
A re go botlhokwa gore puso, batsadi, banana le morafe ka kakaretso ba bereke mmogo go hema seemo se pele ga se tswa mo taolong.
Mo go tse dingwe, o ne a lekodisa banni ka melao ya Matimela le wa ditlhobolo.
A re palamente e ne ya sekaseka molao wa matimela morago ga gore balemi-barui ba supe dingongorego dingwe ka molao oo.
A re Batswana ba tlaa nna le tshwanelo ya go golola diruiwa letsatsi pele ga di ka rekisiwa le fa di ne di kwadisitswe go ya go rekisiwa.
A re thulaganyo e e tlaa dirwa ke khansele e bile barui ba tlaa rekolola diruiwa ka tlhwatlhwa e e tlaa bong e beilwe ke khansele.
Tona a re fa barui ba sena go bona kwa diruiwa di beilweng teng, ba tlaa neelwa malatsi a le lesome le bone go di.
O ne a konetelela ka go re ba ofisi ya matimela ba tlaa dira thulaganyo ya gore ba thape bangwe gore ba phuthe matimela ao.
Mo molaong wa ditlhobolo, a re pele ga motho a ka nna le tlhobolo, o tshwanetse go kopa tetla pele.
A re fa motho a sena go neelwa tetla, o tlaa bo a ya go e reka kwa mothong yo o tlaa bong a neetswe tetla ya go e rekisa.
Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa le bone ba tshwentswe ke ditagi mo motseng.
Mme Dudu Joseph o boletse fa batsadi ba ikgatholositse tiro ya bone ya go tlhokomela bana.
Ka jalo, o ne a kopa batsadi go tsenya leitlho mo baneng.
Go ntse re le foo, o ne a lebogela Tautona wa pele Lieutenant General Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a ne a tlogela maemo a gagwe go sena tlhokakutlwisisanyo epe.
O bile gape a kopa banni ba Ranaka go ema Tautona Mokgweetsi Masisi nokeng mo go tsotlhe tse a tlaa di dirang le go mo eleletsa botshelo jo boleele.
Bangwe ba ne ba bolela fa ba palelwa ke go laola bana ntateng ya melao e e lwelang ditshwanelo tsa bone.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba ngongorega ka borukutlhi jwa leruo jo bo tsweletseng ka go gola mo motseng.
Ba re dikgang tsa leruo di na le go diega fa di tshwanetse go rarabololwa kana di a tshololwa kwa makgotleng a ga mmakaseterata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoloki Mauco
Location : RANAKA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 20 May 2018






