Breaking News

Mogolwane o kgothatsa banana go tlhokomela dikgwebo

17 May 2018

Mogolwane mo lephateng la go neela banana dithata, metshameko le tlhabololo ngwao mo Kanye, Mme Malebogo Mosala o rotloeditse banana go tsaya lenaneo la bone ka tlhoafalo.

A re bontsi jwa dikgwebo tsa banana di phutlhame gonne ga ba na kitso le botlhale jwa go di tsamaisa.

E rile a bua le BOPA, Mme Mosala a re go tswa ka 2009 lenaneo le simolola go fitlha ka ngwaga wa madi wa 2017/18, go setse go thusitswe banana ba le 256 mo kgaolong ya Kanye go ipulela dikgwebo, fa dikgwebo tse 37 di phutlhame mme tse 199 di bereka e bile di ntsha maduo.

A re bontsi jwa dikgwebo tsa banana tse di dirang sentle ke tsa leruo e leng dihutsane, dikgomo, le dikoko, ka jaana kgaolo ya Kanye e na le phulo e ntsi.

Mme Mosala o tlhalositse fa ba lekola dikgwebo tsa banana go bona fa di tsamaya sentle, mme se se ba thusa go itse matshwanyego a bone le gore ba ka ba thusa jang.

A re lephata la gagwe le tsile ka thulaganyo ya go lekola dingwebo di le lesome kgwedi le kgwedi mo kgaolong nngwe le nngwe.

O buile fa go dira jalo go le mosola gonne ba amogana megopolo le banana go ba thusa e le lephata gore ba ka tokafatsa fa kae.

Mme Mosala o tlhalositse fa bontsi jwa dikgwebo di phutlhama gonne beng ba tsone ga ba na lorato mo go tsone.

O tlhalositse fa ba itemogetse gore bontsi jwa banana ga ba dire mokwalo wa go ikopela lenaneo mme ba reka mo go ba bangwe mme morago moikopedi a palelwe ke go tsamaisa kgwebo ka jaana e se ene a neng a dira mokwalo wa tsamaiso ya kgwebo.

O gwetlhile banana go ikemela ka dinao gonne ga go motlhofo go bula kgwebo, a tlhalosa fa kgwebo e tlhokana le tlhokomelo gore e tsamae sentle.

Mme Mosala o gakolotse banana go itse fa kgwebo e se motshameko gonne e tletse dikgwetlho mme e tlhoka tlhaloganyo ya go bona gore o ka di lwantsha jang.

O buile fa lorato le bopelotelele e le tsone di agang kgwebo gore e ntshe maduo.

A re ba lemogile fa bontsi jwa dikgwebo di phutlhama gonne beng ga ba di tlhokomele.

Mme Mosala o gwetlhile banana go ikgobokanya go bula kgwebo mmogo gonne go tsamaisa kgwebo lo le bantsi go botoka ka le thusana ka dikakanyo fa seemo se le bokete.

O ne gape a tlhalosa gore fa le tsamaisa kgwebo le le bantsi, le amogana megopolo e e ka thusang kgwebo go ya pele ka e bile Motswana a re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata.

A re fa banana ba ikopanya go bula kgwebo ba ka thusiwa ka P450 000 go ya kwa godimo.

Mme Mosala o tlhalositse fa banana ba kopa madi go bula dikgwebo fela ka gore ba na le tshwanelo eo, mme ba sena tlhaloganyo ya go tsamaisa kgwebo mme se se dire gore kgwebo e phutlhame.

A re puso e ntsha madi go thusa banana mme go tlhabisa ditlhong go bona bontsi jwa banana bo sa dirise sebaka seo go fetola matshelo a bone.

O buile fa banana ba le maoto a tshupa go duela madi a ba thusitsweng ka one gore lephata le kgone go thusa ba bangwe.

O gwetlhile bagwebi ba babotlana go dumela gore ke bone fela ba ba ka fetolang matshelo a bone e bile gape ba ka isa itsholelo ya Botswana golo gongwe.

O ba kopile go tla ka methale e mesha ya go tsamaisa dikgwebo gore ba kgone go tsena mo mmarakeng.

Mme Mosala o kopile banana go kopa thuso fa ba e tlhoka gonne lenaneo le le diretswe go fetola matshelo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : KANYE

Event : Puisano

Date : 17 May 2018