Breaking News

Ba Mahalapye ba galala madi

17 May 2018

Banana ba Mahalapye ba ngongoregetse P2 million yo o abetstsweng ofisi ya banana ya Mahalapye ba re banana ba motse oo ba bantsi.

Ngongorego e, e dule kwa thuto-puisanyong tse di neng di rulagantswe ke ofisi ya banana kwa Mahalapye ka Labobedi.

Rre Onkabetse Lemo wa ofisi ya banana kwa Mahalapye o gwetlhile banana go nna majato go tsibogela lenaneo la Youth Development Fund (YDF) le go nna le lesedi le le tseneletseng ka kgwebo e motho a tlaa bong a batla go e dira e seng fela go nna le setlankana sa go dira kgwebo.

Rre Lemo a re keletso ke go thusa banana ka madi otlhe ka a ntsheditswe bone gore ba iphire ba bo ba bulele ba bangwe diphatlha tsa mmereko.

A re dikopo di tlaa bulelwa Mosupologo wa beke e e latelang.

Fa ba akgela, banana ba supile fa tlhaelo ya difomo e ba thatafaletsa dilo.

Mokhansela wa Parwe, Rre Sam Kelebale o rotloeditse banana go ikgobokanya go tlhama dikoporase ka ba ngongoregela gore madi a 2018/2019 a mannye.

Mokhanselara wa Central, Rre Joseph Tjienda o akgoletse banana go bo ba ne ba tshologetse bokopano.

A re go supa fa ba ititeile sehuba e bile ba na le keletso ya go fedisa letlhoko la ditiro le go itshetsa.

A re dipalo tseo ke sesupo sa gore motse o na le kgwetlho ya letlhoko la ditiro.

A re Mahalapye o godile mme P2 million ga a a lekana.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Goabaone Ntapu o kopile banana go tsaya lenaneo ka tlhoafalo mme a kopa ba ba kgonneng go bona dithuso go thapa ba bangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : thuto-puisanyo

Date : 17 May 2018